Badiri ba tlhatlhelela ba Maokatumo
21 Nov 2018
Badiri ba lephata la Botsogo le Boitekanelo ba re go botlhokwa go ruta batho ka malwetse a a sa tshelanweng.
Ke sone se e rileng bosheng jaana, kokelwana ya Palapye le lekalana la District Health Management Team (DHMT) ba neng ba buisa phuthego kwa Maokatumo.
Motlhatlhelela dithuto tsa maranyane kwa BIUST, Dr Sebusi Odisitse, o tlhalositse fa go le botlhokwa gore batho ba lemotshwe le go rutwa ka tsa botsogo.
A re dipalo di supa fa batho ba le 41 million lefatshe ka bophara ba tlhokafala ngwaga le ngwaga ka ntata ya malwetse a a sa tshelanweng jaaka kankere, malwetse a pelo le sukiri.
Dr Odisitse o kaile fa go le botlhokwa gore batho ba rutwe gore motho ba ka itibela jang kgatlhong le malwetse a.
O rotloeditse setshaba go itlhatlhobela malwetse a mofuta o gore ba a tsibogele ka nako fa ka a sena dikai tse di lemotshegang ka bonako.
A re ke maikarabelo le tshwanelo ya mongwe le mongwe go tsaya karolo mo go lwantsheng malwetse a, a tlhalosa fa go kgonega gore motho a thibele malwetse a ka go fokotsa go goga motsoko le go nwa bojalwa phetelela, go ja sentle le go itshidila mmele.
Dr Odisitse o ne a tlhalosa fa malwetse a, a remeletse thata mo bathong ba ba magareng ga dingwaga tse di masome mararo le tse di masome a marataro le boferabongwe.
Mongwe wa baoki, Mme Keemenao Sebeti o boletse fa batho ba tshwanetse go emela botsogo jwa bone ka dinao.
O boletse fa dijo di na le seabe se se ntsi mo botsogong, ka jalo a rotloetsa gore go jewe sika loo mabele, merogo le tse di senang mafura a mantsi.
O kopile setshaba go ikatumetsa ba botsogo fa ba utlwa mebele e sa tsoga sentle, go na le emela gore bolwetse bo kekele. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kutlo Orman
Location : MAOKATUMO
Event : Phuthego
Date : 21 Nov 2018




