Breaking News

Sekole sa Mokatako se ipelela katlego

21 Nov 2018

Mogolwane wa khamphani ya FIDUCIA, Dr Thapelo Matsheka, o rotloeditse banni ba Mokatako kwa kgaolong potlana ya Good Hope go tsaya karolo mo thutong ya bana ba bone.

Dr Matsheka o buile se fa sekolo se sebotlana sa Mokatako se ipelela dingwaga tsedi masome matlhano le bongwe se ntse sele teng. Moletlo o, o ne o kopantse le kabo dimpho.

 Dr Matseka o ne a gatelela ntlha ya gore bana ke kgetsi ya tsie ee kgonwang ke go tshwaraganelwa. 

A re barutabana ba ka seke ba kgona ba le nosi, a tlhalosa fa kemonokeng le thotloetso ya batsadi e ka dira diphetogo tse di bonalang.

Dr Matsheka o ne a rotloetsa barutabana go ntsha thuto ya boleng, le ntswa ba lebanwe ke dikgwetlho dingwe.

O ne a galaletsa banni ba motse le boeteledipele jwa sekole go rulaganya moletlo a supa fa e tlaa nna ditso.

E rile a tswa la gagwe, mogokgo wa sekolo, Rre Ketshogile Kebahudile, o ne a supa gore le ntswa ba na le dikgwetlho di akaretsa go tlhoka go gokaganngwa le maranyane a internet ba tsweletse kago tokafatsa maduo a sekole.

 A re ka ngwaga wa 2013 maduo a ne a le kwa tlase ka per cent tse masome a mabedi le bofera bongwe mme ngogola ba wetse mo go tse masome a supa le bone.

Mopalamente wa kgaolo ya Moshupa/Manyana, Rre Karabo Gare, ene o ne a rotloetsa baithuti go nna le ditoro ba santse ba le ba botlana a supa fa go dira jalo go ka dira gore ba sa le ditoro tsa bone morago mme ba nne le bokamoso.

Rre Gare a re ene o tsene sekole ka dinako tse go neng gole thata mme gaa ise a letle diemo tsa teng go mo itsa go fitlhelela ditoro tsa gagwe. 

Moithuti wa pele wa sekole seo, Rre Jackson Mogwera, a re sekole seo se simologile ka tiriso ya ntlo ya Setswana e e neng gape e le lefelo la kobamelo la kereke ya Methodist. 

Rre Mogwera o tlhalositse fa ka dinako tsa teng ba ne ba kwalela mo matlapeng ka magala kana fa fatshe go sena dibuka ebile ba rutwa ke moithaopi yoo neng a duelwa 15 cents. Sekolo se se ile sa nna kafa molaong ka ngwaga wa 1967 Botswana e sena go tsaya boipuso ka 1966.

Sekolo se sebotlana sa Dikhukhung le sone se ne se ipelela dingwaga di le masome a le bosupa se ntse se le teng. 

Bontsi jwa mabutswapele a sekole se le bone ba supile fa go ema nokeng bana mo thutong go le botlhokwa. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Bathusi Kwidi

Location : MOKATAKO

Event : Sekolo se ipelela dingwaga tsedi masome matlhano

Date : 21 Nov 2018