Setshaba se rotloediwa go ithuta ka bolwetse jwa sukiri
20 Nov 2018
Dijo tse di nang le moroko o montsi e bile di sena mahura le sukiri e ntsi jaaka mabele, mosutlhane, merogo, setampa le dinawa ke tsone tse di siametseng botsogo. Mafoko a, a builwe ke mopalamente wa kgaolo ya Molepolole Borwa, Dr Tlamelo Mmatli, yo e neng ele sebui sa tlotla kwa segopotsong sa letsatsi la bolwetse jwa sukiri kwa Molepolole.
O ne a rotloetsa setshaba go kgatlhegela go ithuta ka bolwetse jwa sukiri le gore ba ka bo kganela jang. A re bolwetse jo bo fetola ka fa motho a tshelang ka teng, ka jalo go botlhokwa gore ba lelwapa ba nne le kitso ka dijo tse di jewang ke balwetse ba sukiri le dikai tsa jone. O boletse fa dipatlisisiso di supa fa batho ba feta 425 million lefatshe ka bophara ba tshela ka bolwetse jwa sukiri mme sebe sa phiri e le gore go santse go bonala fa dipalo di santse di tla oketsega go fitlha kwa go 640 million fa go sa tsewe dikgato tse di tshwanetseng.
Dr Mmatli a re bontsi jwa balwetse ba ke ba ba tshelang ka bolwetse jwa sukiri jwa type two jo e leng gore boka thibelwa. Go ya ka lekgotla la International Diabetes Federation, go supega fa motho a le mongwe mo go ba le babedi a tshela ka bolwetse jwa sukiri mme bo ise bo tshwarwe mo go bone ke ba bongaka. “Mme bagaetsho, go a tshwenya segolo bogolo ka gore Batswana ba le bantsi ba tsweletse ka mekgwa e e e rotloetsang go ka tsenwa ke seemo se sa sukiri.”Dintlha dingwe tse di supilweng fa di ka tsenya motho mo diphatseng di akaretsa go sa je dijo tse di nang le dikotla sentle, go tlhoka go itshidila mmele, go goga motsoko le go nwa bojalwa mo go feteletseng .
Dr Kathryn Mokgosi wa kokelo ya Scottish Livingstone ene o boletse fa sukiri mo mmeleng e le kwa godimo mme se se bakiwa ke go thaela ga matute a a thusang go laola sukiri a abidiwang Insulin Dr Mokgosi o kaile fa dingwe tsa dikai tsa bolwetse jo di akaretsa go latlhegelwa ke mmele, go tshwarwa ke lenyora kgapetsa kgapetsa, go thapologa kgapetsa kgapetsa, go latlhegelwa ke pono, go babiwa mo letlalong le dintho tse di tsayang sebaka go fola.
Lekalana la World Health Organisation le beile letsatsi la kgwedi ya Ngwagatsele e le lesome le bone go lemoga bolwetse jwa sukiri. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Gosaitse Ditsele
Location : Molepolole
Event : segopotso sa bolwetse jwa sukiri
Date : 20 Nov 2018




