Breaking News

Mokgatlho o diragatsa maitlamo

20 Nov 2018

Mokgatlho wa Gosego Go Aba kwa Malaka kwa kgaolong ya Legare o abetse lelwapa lengwe ntlwana ya boitiketso.

Mongwe wa batlhami ba  mokgatlho oo, Rre Dipula Gabaatlholwe, o boletse  mo potsolosong fa mokgatlho o simolotse ka ngwaga wa 2014, mme ba  bone go tshwanela go tsenya letsogo  mo ditirong tsa bopelotlhomogi.

Rre Gabaatlholwe a re maikaelelo magolo a mokgatlho oo ke go tlhokomela batlhoki kwa Malaka ka go ba agela matlo, go ba rekela dijo le tse dingwe tse motho a ka di tlhokang. O supile fa ba dira se gape ba ikaegile  ka boikuelo jwa gore dikhamphani, mekgatlho le setshaba ka kakaretso ba eme ka dinao go thusa ba ba  tlhokileng lesego ka go ba busetsa seriti. O supile gore ba setse ba thusitse batlhoki ba le bararo fa e sale mokgatlho o tlhamiwa. Rre Gabaatlholwe o ne  a tlhalosa fa ba lebanwe ke dikgwetlho di le mmalwa di akaretsa letlhoko la madi ka mokgatlho wa bone e se o o dirang letseno, ka jalo ba ntsha madi mo dikgetsing tsa bone.

O  supile fa mokgatlho wa bone o sa tlhaole gore mang e ka na leloko ka o akaretsa banana le bagolo, ebile ba santse ba ikemiseditse go amogela maloko a masha.BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Batlhalefi Kenyaditswe

Location : Malaka

Event : Potsoloso

Date : 20 Nov 2018