Breaking News

Boineelo modi wa tswelelopele

20 Nov 2018

Maloko a komiti ya ditlhabololo tsa kgotla ya Dilolwe kwa Kanye a kgothaditswe go nna boineelo le go supa mowa wa lerato mo tirong ya bone.

Fa a bua kwa kgotleng ya Dilolwe bosheng morago ga ditlhopho tsa komiti ya ditlhabololo tsa motse, moeteledipele wa ofisi ya boipelego le tlhabololo matshelo a batho, Rre Tiroyaone Rampe, o boletse fa mowa wa therisanyo, tirisanyo mmogo le kutlwano o ka tsisa katlego.

A re tiro ya komiti e tona mme e batla boineelo, a tlatsa ka gore komiti e tshwanetse go dirisanya sentle le morafe.

O ne a tswelela a tlhalosa fa ba tshwanetse go nna ba afa pego ya komiti ya bone gore ba dirile eng go saletse eng ko morago.

A re ga go a tshwanela gore go nne le tlhoko kutlwisisanyo e e bakwang ke tsa selegae, e bile di  dipharologanyo tsa sepolotiki ga di a tshwanela go supiwa mo komiting.

O ne a tlhalosa fa kapari e le yone mmangmang fa baya tirong, a tlhalosa fa ba tshwanetse go apara sentle fa baya mmerekong.

Rre Rampe o ne a kopa komiti e kgologolo go kwala pego ya tse ba ntseng ba di dira mo ngwageng tse tharo tse di fetileng mme e isiwe kwa ofising ya gagwe, a tlatsa ka gore ba kopane le komiti e ntsha ba ba rute tiro gore go dirwa jang.

O ne a ba kopa go bereka le bogogi le morafe, a re maphata otlhe a puso a ya go dirisa bone ka e le bone palamente ya motse.

O boletse fa go ya go nna le ithuthuntsho ya malatsi a mararo ngwaga o o tlang ka Tlhakole go ba ruta ka tsamaiso ya komiti e.

Rre Rampe o kaile fa mowa wa lerato e le one o ka dirang gore komiti e ntsha e gatele pele mo ditlhabololong tsa motse wa bone, ka ba santse ba lebaganwe ke namane e tona ya tiro ya go aga ntlo lohalahala.

A re ba ya go simolola ka go aga tsela ere ba sena go e wetsa ba age ntlo lohalahala.

Ba kopilwe go nna komiti e e seng boitseme.

Bafenyi ba ditlhopho tseo ke Oampona Leisi, Susan Stegling, Mitah Stegling, Winnie Mokwena, Barbra Mpapalela, Patson Motswagae, Monica Tumediso, Gladys Joroso, Yvonne Maruping le Tlamelo Leu.

 Maloko a masha a komiti ya ditlhabololo tsa motse a a yang go etelela kgaolo eo pele sebaka sa ngwaga tse tharo, a tlaa simolola tiro ka go tsena phuthego ya bone ya ntlha kgwedi ya Morule e tlhola malatsi a le mararo kwa ba tlaa tlhophang baeteledipele ba komiti eo.

Fa atswa la gagwe, mokhanselara wa kgaolo ya Dilolwe, ebile e le modulasetilo wa khansele potlana ya Kanye, Rre Tlhomamo Dibeela, a re komiti ya ditlhabololo e na le mmereko o montsi.

A re komiti e tshwanetse go thusa puso go ntsha ditlhabololo  kwa tlase, e dirirsanye le morafe le kgosi le mokhanselara go dira ditiro tsa ditlhabololo.

Rre Dibeela o kgothaditse komiti eo go tswa ka maano a nonneng a gore ba ka dirang se e ka lereng letseno, le go akanya ditiro tse di tlaa tlhabololang motse wa bone.

O ne a ba tlhalosetsa fa khansele e ntsha batho ba ba tlhatlhobang dibuka tsa madi mo dikgweding tse tharo, mme fa go ka diragala gore go itlhelwe bangwe mo komiting ba jele madi ba a tlhatlhelwa. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Khumoyame Laetsang

Location : Kanye

Event : Phuthego

Date : 20 Nov 2018