Tikologo ee phepa e oka bajanala
20 Nov 2018
Moruti wa kereke ya Gates of Heaven Network kwa Maun, Prophet Thato Elias, o kgothaditse banni ba Kookale go phepafatsa kgotlana ya bone go thusa go oka bajanala le babeeletsi.
Prophet Elias o buile jalo fa a bula semmuso moletlo wa tshomarelo tikologo kwa kgotlaneng ya Kookale kwa Chanoga bosheng.
O ba kgothaditse gape gore ba kgathale thata ka go somarela matlotlo a kgaolo jaaka ditlhare.
A re ditlhare ga di a tshwanelwa ke go remakakiwa fela go sena kelelelo.
Prophet Elias a re tikologo e e sa tlhokomelweng sentle e tshabelelwa ke malwetse a a ka bakiwang ke megare e e fitlhelwang mo lesweng.
A re bolwetse jwa letshololo jo boneng jwa tlhagoga bosheng mo lefatsheng ke sengwe sa dikai dingwe tsa tikologo e e kgotlelesegileng.
Prophet Elias a re leruo le lone le tshwanetse go tlhokomelwa gore le seka la kgotlela tikologo, a tlatsa ka gore puso e na le mananeo aa thusang balemi barui go agelela masimo.
Leruo le le sa tlhokomelweng le lone le kgona go gotlha naga ka jaana le tsamaya le batla se le ka se jang.
Prophet Elias o ne gape a lebogela tirisano mmogo ya go tshwara letsatsi leo le gonna teng ga maphata a puso go ruta ka tsedi farologanyeng, o bile a neela komiti ya motsana oo P5 000.
O ne gape a ba kopa gore ba tlhophe banana bangwe ba ene le kereke ya gagwe baka ba isang dithutong tsa thuso ya potlako gore ba kgone go nna ba thusa ba bangwe ka ba booki batla nako dingwe.
Kgosi wa Chanoga, Rre Oatleng Setlhodi, a re ba dirile tiro eo e le bontlha bongwe jwa go supa maiteko a bone e le batho baba kgakajana le ditlamelo.
Mokhanselara wa Gxhabara kwa Maun, Rre Vepaune Moreti, o ne a re ke maswabi go bo batho bangwe ba palelwa ke go latlhela matlakala kwa lehuting la matlakala le go dirisa ditirelo tsa khansele tsa go ba olelela matlakala ka go lefisiwa P5.
A re leruo la bone ke lone le lejang leswe leo mme seo se baya nama ya leruo mo seemong se se sa amogelesegeng kwa matlhabelong.
Rre Moreti a re seemo se se tshwenyang ke sa batho ba ba itisang fa tlhoko ga noka ya Tlhamalakane mme ba tlogela matlakala. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Onalenna Mokhawa
Location : Kookale
Event : moletlo wa tsa tshomarelo tikologo
Date : 20 Nov 2018




