Breaking News

Motlhagodi o akgola kereke ya Eloyi

20 Nov 2018

 Moeteledipele wa lekgotla la dikereke tsa semoya (OIAC), Moruti Phillemon Motlhagodi o akgoletse maloko a kereke ya Eloyi go tshwaragana.

Rre Motlhagodi o buile se mo potsolotsong morago ga bokopano jwa kereke  jwa ngwaga le ngwaga. O ne a phophotha maloko a Eloyi magetla go bo ese ba dintwa ebile ba sa nyatsane.

A re dikereke dingwe dia thubega ntateng ya dikgang tsa go lwela maemo le go nyatsana, mme a re ditiragalo tseo ga di diragale kwa Eloyi selo se areng se a itumedisa.

O gakolotse maloko a kereke eo gore motlhami wa yone Archbishop Keiphile Jakoba ga a batle dintwa ebile ga a batle ditirelo tse di duedisiwang ka jaana ele barongwa ba Modimo ebile kereke e thailwe ka semoya.

Le fa go ntse jalo a re oa tshwenyega ka jaana bangwe ba tswa mo tseleng ka go duedisa batho.

“Ma Eloyi a re ikeleng tlhoko bangwe re tshwara thomo ya rona ka fa go sa tshwanelang ga rena poifo Modimo, re a iteba gona le gore re lebe thomo re ikokobetse.

Re tshwanetse ra fetoga ka fa re ntseng re dira dilo ka teng, re dire se Modimo le tsamaiso e se batlang ka jaana go itlhokomolosa molao motheo ke kotsi e tona e ka bakang dintho tse di ntsi mo kerekeng ya lona,” ga bua Rre Motlhagodi.

O ne a gatelelela gore le ntswa Eloyi e dira dilo tse dintsi bontle, maloko a yone a tshwanetse go nna popota le go ikanyega.

Go ya ka Rre Motlhagodi, dikereke ka bontsi ga di tshware maemo a tsone sentle, mme a re seo Modimo ga a se itumelele.

“Re latlhegelwa ke maloko a mantsi, bangwe ba tlogela dikereke tsa rona ba ya go tlhama dikereke tse dingwe ka jaana ba tshaba dintwa tsa letsatsi le letsatsi go sena tsela, re sa tlotlane, leina lentle lea itirelwa ka jalo bokopano bo tshwanetse ja dirisiwa go nosetsanwa,”  Rre Motlhagodi o tlhalositse jalo.

Moruti Jacoba Sekai wa kereke ya Eloyi, le ene one a supa botlhokwa jwa tomagano ya maloko a dikereke a re go a itumedisa go bo seabe sa bone mo go ageng setshaba se lemosega.

Le fa go ntse jalo, Moruti Sekai o ne a supa fa ba santse ba tshwenngwa ke kgang ya letlhoko la lefatshe a re kereke ya Eloyi e a gola ka jalo e tlhoka mafelo a e ka tshologelang mo go one gore e tswelele e rere Efangedi. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Bonte Seepi

Location : Palapye

Event : Potsoloso

Date : 20 Nov 2018