Breaking News

Mokhanselara a kopa batsadi kwa Lerala go kgalema

20 Nov 2018

Mokhanselara wa Lerala Bophirima, Rre Gabagopole Sebele, a re ga a jeswe diwelang ke baithuti ba ba yang sekoleng ba tshotse dilo tse di borai.

A re se, se baya baithuti ba bangwe mo diphatseng.

Rre Sebele o ne a bua kwa moletlong wa kaloso wa baithuti ba ba simololang lekwalo la ntlha ngwaga  o o tlang kwa sekoleng se sebotlana sa Lekadibeng kwa Lerala.

A re batsadi ba tshwanetse go leka bojotlhe go kgalema bana gore ba seka ba tsena mo dikgannyeng tsa borukutlhi.

O ne a rotloetsa batsadi go nna maloko a sekole mme ba itse fa ba tshwanelwa ke go etela sekole go bona ka fa bana ba dirang ka teng.

O boletse fa thuto e le botlhokwa ka ke yone e ka direlang motho isago.

Rre Sebele a re puso e ne ya tsaya tshwetso ya gore e simolole dikole tsa bana ba ba botlana go tokafatsa seemo sa thuto.

A re mo nakong eno go na le tlhaelo ya matlwana a borutelo le ditilo.

Ka jalo o ne a ikuela mo go ba ba nang le bokgoni go thusa ka fa ba ka kgonang ka teng. A re dikole tsa bana ba ba botlana di botlhokwa ka ngwana o simolola lekwalo la ntlha a ithutile go le gontsi ebile a itse tikologo ya sekole le go tshela le ba bangwe.

A re dithuto tse ba di fiwang di ba bula tlhaloganyo mme go nne motlhofo fa ba simolola lekwalo la ntlha.

Mogokgo wa sekole sa Lekadibeng, Mme Phorego Motsokono, o ne a leboga puso gobo e simolodisitse dithuto tsa bana ba ba botlana a bolela fa di le botlhokwa ka ngwana a simolola lekwalo la ntlha a itse go le gontsi. A re se se thusa le ene morutabana go tsweledisa dithuto tsa lekwalo la ntlha a sa simolole a suga bana pele.

A re sekole sa gagwe se simolotse dithuto tsa bana ba ba botlana mo ngwageng o o fetileng mme setlhopha se se neng se aloga e ne e le sa bobedi.

O boletse fa a na le tsholofelo ya gore tshimolodiso ya dithuto tseo mo sekoleng sa gagwe e tla a thusa sekole sa gagwe se mo nakong eno se sa direng sentle.

O ne a kopa batsadi ba ba saletseng kwa morago go tla go kwadisa bana ba bone mo sekoleng sa gagwe ka mo nakong e go setse go kwadisitswe bana ba le masome a mane le botlhano. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Portia Rapitsenyane

Location : Lerala

Event : Moletlo wa kaloso baithuti

Date : 20 Nov 2018