Breaking News

Magodu a itebaganya le marole le mealolelo

19 Nov 2018

Moanamisa mafoko wa sepodisi sa Botswana, Rre Dipheko Motube, a re letsholo la kgomokhumo le senotse fa magodu a leruo a itebagantse thata le marole le mealolelo.

E rile a bua mo potsolosong kwa Sojwe, Rre Motube a bolela fa magodu a leruo a utswa marole mme a a tshube le go a tshwaya ka matshwao a bone.

A re mo nakong tse dingwe, ba utswa marole ao le bo mmaaone gore a tswelele a anya sentle.

Rre Motube o kaile fa puso e dira tsotlhe tse e ka di kgonang go lwantsha bogodu jo bo apesitseng barui kobo ka letshoba. 

O boletse fa e rile kgwedi ya Phalane e le 29, ba tshwara monna mongwe wa Molepolole wa dingwaga tse di masome matlhano le bofera bongwe, go bapa le meraka ya Mosetsanamontle, yo o fitlhetsweng ka dikgomo tsa matimela mme go beleasega a tshwaile marole a tsone. 

A re ditlhotlhomiso di supa fa dikgomo tseo, di tsene mo polaseng ya rre yoo magareng ga dingwaga tsa 2013 le 2018. Mme a kaya fa go ikgagapelela leruo la batho le le tseneng ka phoso mo merakeng kana dipolase e le molato.

Rre Motube o ikuetse mo baruing go bega matimela mo dikhanseleng ka e le tsone di itebagantseng le go a phutha, mme a re barui bangwe ba fitlha matimela mo dikgomong tsa bone, mme a re selo se ga bana go se leseletsa.

O kgothaditse barui go tlhokomela leruo la bone le go tlhomamisa gore ba tshwaya le go tshuba marole nako e sa ntse e le teng, e se re gongwe ba iphitlhele ba lelela kgama le mogogoro.

E rile a tswa la gagwe, mongwe wa barui kwa Sojwe, Rre Gasengaka Morule, a supa fa letsholo la kgomokhumo lena le maduo a mantle, a re fa e ne e se ka lone gongwe o ne a se ka ke a tlhola a bona kgomo ya gagwe, e e sa bolong go timela e le namane ya moalolelo.

O kaile fa kgomo ya gagwe e timetse a ne a e tshwaile, mme e tshwarwa jaana e setse e na le namane. Rre Motube o boletse fa ba tlhotlhomisa molemi mongwe wa masimo a Pakastena go bapa le Kgomodiatshaba mo kgaolong ya Kgatleng, yo go fitlhetsweng a jwadile setlhare se go belaetsegang e le sa motokwane.

A re ditlhotlhomiso di santse di tsweletse mme setlhatshana seo se isitswe ko baitseanapeng go se tlhatlhoba, mme fa go ka fitlhelwa e le sone mmelaelwa o tla lebisiwa molato wa go jwala ditlhare tse di seng ka fa molaong. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Keorapetse Kgomotso

Location : SOJWE

Event : potsolotso

Date : 19 Nov 2018