Sekolo se ipaakanyetsa go ipelela dingwaga tse masome a matlhano
19 Nov 2018
Sekole se segolwane sa Bobonong Junior Secondary School se tlaa tshwara moletlo go ipelela dingwaga tse masome a matlhano se ntse se le teng ngwaga oo tlang.
Mo potsolotsong bosheng, mokwaledi wa komiti e e baakanyetsang moletlo oo, Mme Bonolo Gaolaolwe, o tlhalositse fa maikaelelo magolo a moletlo oo e le go leboga le go lemoga seabe sa banni ba Bobonong mo go ageng sekole.
O tlhalositse fa sekole seo se sale se agilwe ka boithaopo ka ngwaga wa 1969. Mme Gaolaolwe a re dithulaganyo tsa go kokoanya madi di tsweletse sentle.
O kaile fa rakgwebo mongwe kwa Bobonong wa leina la Rre Sexton Kgwatalala a setse a ba thusitse ka P20 000.
Mme Gaolaolwe, yo e bileng gape e le morutabana, a re sekole seo ke sengwe sa dikole tse di neng di itsamaisa pele fa se tswewa ke puso, a tlatsa ka go supa fa sekole seo e le sa ntlha se segolwane go agiwa kwa Bobonong.
O kaile fa mofuta wa dikago tsa sekole seo e le sesupo sa gore sekole seo ke sa bogologolo fa se tshwantshiwa le dikole tse dingwe tse di mo tikologong.
A re go botlhokwa gore batsadi, barutabana le beng ba dikgwebo ba tsenye lebogo mo go baakanyetseng moletlo oo gore ba kgone go fitlhelela maitlamo le maikaelelo a bone e le sekole.
Fa a tswa la gagwe,modulasetilo wa komiti e e bakanyetsang moletlo oo e bile gape e le morutabana ,Rre Walter Letebele, o kopile baithuti ba pele ba sekole seo go ba ema nokeng ka dithuso di tshwana madi.
O tsweletse ka go kopa baagi le baithuti ba pele ba sekole seo go ba thusa ka dikgang tse di amanang le ditso tsa sekole seo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Moses Moleboge
Location : BOBONONG
Event : potsolotso
Date : 19 Nov 2018




