Kgosi o itumelela ditlhabololo kwa Metsibotlhoko
19 Nov 2018
Lenaneo la puso la go rudisa itsholelo le ntshitse maduo, mme e bile bogogi jwa metse bo a le itumelela.
Kwa Metsibotlhoko kwa kgaolong potlana ya Letlhakeng, kgosi ya motse oo, Kgosi Bafentse Moatsheng o tlhalositse fa mo sekolong sa motse go agiwa matlwana a borutelo a motlaleletsa, mme e bile kago eo e se kgakala le go fela.
A re se se tlaa fokotsa letlhoko la matlo a borutelo le le ntseng le le teng, mme e bile go tlaa kgontsha sekolo seo go nna le mophato wa bana ba ba baakanyediwang go bala lekwalo la bongwe.
A re se gape se tla emisa go rutelwa ka fa tlase ga ditlhare ga bana.
Mo godimo ga moo, Kgosi Moatsheng o tlhalositse fa gape go agiwa matlo a mabedi a borobalo a barutabana, mme ba solofetse gape a baoki a le mabedi.
Kgosi Moatsheng o tlhalositse gape gore motlakase o setse o goketswe mo motseng, mme go supiwa fa o tlaa tshuba ngwaga o o tlang. O tlhalositse fa mananeo a mangwe a puso jaaka LIMID le nyeletso lehuma a tokafaditse matshelo a banni fela thata go balelwa le banana.
A re banana ba le bararo ba setse ba isitswe ke puso go ya go rutuntshiwa ka thuo ya dihutshane ka fa tlase ga lenaneo le le thusang banana ka madi go itshimololela dikgwebo.
Le fa go ntse jalo, Kgosi Moatsheng o ne a ngongorega ka tlhaelo ya ditlamelo mo kgotleng ya gagwe di tshwana le metsi, badiri ba sepodisi le mokwaledi, bogolo jang ka kgotla e dira ditiro di le dintsi jaaka ditsheko le go kwadisa leruo fa le rekisiwa ka e bile motse oo o dikologilwe ke barui ba le bantsi.
A re ka tsa borukutlhi ba thusiwe ke mapodisi a Sesung, mme le gone go se bonolo ka ba kgona go tlhoka koloi.
Kgosi Moatsheng a re o kile a ikuela kwa lephateng la makgotla a Setswana ka letlhoko le la bone le tlhaelo ya bodiredi mme ga a ise ba bone thuso epe. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Thandie Keitumetse
Location : LETLHAKENG
Event : potsolotso
Date : 19 Nov 2018




