Maruje o rotloetsa temo ya ditlhare
19 Nov 2018
Kgosi Maruje III wa Masunga o rotloeditse Batswana go lema ditlhare morago ga go kgaola tse dikgologolo.
E rile a bua ka letsatsi la temo ya ditlhare la kgaolo ya bokone botlhaba kwa Zwenshambe bosheng, Kgosi Maruje a re koketsego ya ditlhabololo e na le seabe mo go nyeleleng ga ditlhare ka jalo a rotloetsa ope fela yo o dirang ditlhabololo go jwala ditlhare go itsa kgotlhego ya tikologo. A re letsatsi la go jwala ditlhare le gwetlha mongwe le mongwe go itshekatsheka go lemoga seabe sa gagwe mo tshomarelong tikologo.
Kgosi Maruje a re batho ba tshwanetse go dirisa lefatshe ka tsela e e tsisang boleng mo go lone a tlatsa ka gore temo ya ditlhare ke tsela ngwe ya go tlhomamisa gore lefatshe le nna mo seemong se se siameng. O boleletse bareitsi ba gagwe gore Zwenshambe o biditswe ka leina la setlhare sa Nshamba se se kileng sa bo se aname thata mo motseng oo mme jaanong se nyelela ka bonya.
A re bangwe ba tsweletse ka go kumula setlhare se ka medi ka se alafa malwetsi mangwe mme a kopa gore bogolo ba ba se epang ba tsee peo ya sone ba se jwale gape. A re kgaolo ya Bokone Botlhaba e humile setlhare sa mophane se batho ba tsweleltseng ka go se rema ba rwalela dikgong a tlatsa ka gore go dira jalo ke go senya bojanala ka gore batho ka bontsi ba etela kgaolo go tla go bapala phane le go bona one mophane tota.
“Bontle jwa tikologo ke ditlhare le yone phefo e re e hemang ke ditlhare ka jalo go rema setlhare ke go senya boleng le bontle jo bo tlhodilweng ke Modimo.”
Kgosi Maruje a re setlhare sa mono ngwaga ke modutu (celtis Africana) se se fitlhelwang thata mo borwa jwa Botswana mo mahelong a tshwana le Moshupa le Lobatse. O tlhalositse fa setlhare se se mela mo mmung o nonneng ka jalo se bonala thata mo lotshitshing lwa noka mme dikarolo tsa sone jaaka makwati le matlhare di dirisiwa e le melemo
E rile a ruta ka botlhokwa jwa ditlhare, Rre Jailos Nswazwi wa lephata la dikgwa a supa fa ditlhare di nesa pula ka gore fa di leng teng di le dintsi di a huhula phefo e bo e tsaa mohuhutso o go dira maru. O tlhalositse gape gore ditlhare di somarela mmu ka gore fa di leng teng, metsi a pula a tsamaya ka bonya mme se se dira gore motlhaba o seka wa kgokologa le metsi.
“A re lemeng ditlhare gore di phepafatse phefo e re e hemang le one metsi a re a a nwang tota ka gore ditlhare di nwa menontshane e kgokologang le metsi ka jalo metsi a bo a tlhatswega.”
Rre Nswazwi o kgothaditse batsenelela mokete gore ba ne ba etela ofisi ya lephata la gagwe go anywa dithuto ka tlhokomelo le botlhokwa jwa ditlhare.
E rile a tswa la gagwe, Kgosana Mokopi Matopote wa Zwenshambe a lebogela ba dikgwa go bo ba tlhophile motse wa gagwe go tla go ipelela letsatsi le teng. O tsweletse ka go leboga banni ba Zwenshambe go bo ba tseneletse moletlo mme a ba rotloetsa go dirisa dithuto tse ba di anywileng ko malwapeng.BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Portia Ikgopoleng
Location : ZWENSHAMBE
Event : Temo ya ditlhare
Date : 19 Nov 2018




