Batswana ba rotloediwa go emela botsogo ka dinao
19 Nov 2018
Mme Itumeleng Thusego-Seabe, yo o okametseng dithuto tse di itebagantseng le banana kwa ofising ya thuto kwa kgaolong potlana ya Palapye a re go tsoga sentle ga motho go akaretsa dikarolo di le dintsi mme motho o tshwanetse go di ela tlhoko nako tsotlhe.
O ne a bua jalo kwa letsatsing la itshidilo mmele kwa sekoleng se segolwane sa Moeng College bosheng.
Mme Thusego-Seabe a re go tsoga ga motho mo moweng ke nngwe ya tse di supang gore motho o a bo a tsogile sentle. A re fa motho a sa tsoga mo moweng ga a kake a dira ditiro tsa gagwe sentle.
A re motho o tshwanetse go itshidile mmele nako tsotlhe gore a nne le botsogo jo bo nametsang.
A re go itshidila mmele ga go ree gore motho a golafatse mmele mme motho o tshwanetse a tsee itshidilo mmele ka bonya ka bonya go fitlhelela a kgona go tsena mo itshidilo mmeleng e e bokete.
A re go na le bangwe ba ba simololang itshidilo ya mmele ka go dira tse di bokete a bolela fa ba felela ba ikgolafatsa.
Mme Thusego-Seabe a re ntlha e nngwe e e botlhokwa ya botsogo jwa motho ke ka fa motho a dirisanyang le ba bangwe ka teng. A re batho fa ba tshela mmogo ba tshwanetse go tshedisanya le ba bangwe sentle gore banne le botsogo jo bo rileng.
A re gore motho gotwe o itekanetse o tshwanetse gape a tshele mo tikologong e e siameng ebile e le phepa. A re fa tikologo e se phepa motho o a bo a sa itekanela ebile seo se ka mo kgoreletsa kwa tirong ya gagwe.
Mme Thusego-Seabe o ne a rotloetsa barutabana ba sekole sa Moeng go itlwaetsa go bala gore ba nne le dikitso tse dingwe mme ba seka ba felela fela mo dithutong tse ba di rutang mme ba itlhabolole a bolela fa seo e tla a bo e le ntlha nngwe e e ba thusang go nna le botsogo jo bo itekanetseng.
A re botsogo e tshwanetse e nne ka fa motho a tshelang ka teng nako le nako mme ga e a tshwanela go nna letsatsi le le lengwe fela.
Mooki wa Moeng Colleg, Mme Bontshetse Wankie, a re motho mongwe le mongwe o eletsa botsogo jo bo siameng ka jalo sekole sa Moeng College se rotloetsa seo.
A re lephata la botsogo le rotloetsa batho go ela tlhoko gore ba nna ba itekanetse ebile ba fema go tsenwa ke malwetsi a a tshelanwang le a a sa tshelanweng.
Mme Wankie a re sekole sa gagwe se tshwara letsatsi la itshidilo mmele go nna ba tsibosa badiri ka tsa botsogo le boitekanelo.
A re keletso ya ba lephata la botsogo le boitekanelo ke go fokotsa palo e e yang kwa dipatela le tiriso ya dipilisi mme mongwe le mongwe a itekanele.
A re puso e tshwenngwa ke dipalo tse dintsi tsa malwetsi a a sa tshelanweng a tshwana le jwa sukiri, madi a matona, kankere le a mangwe a bolela fa malwetsi ao a dirisa madi a mantsi thata mme go babalela puso. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Portia Rapitsenyane
Location : MOENG
Event : letsatsi la botsogo
Date : 19 Nov 2018




