Lephata le itebaganya le botsogo jwa bakgweetsi
19 Nov 2018
Mogolwane kwa lephateng la dipalamo le ditlhaelatsano kwa kgaolong ya Borwa, Rre Ontlametse Tiroyakgosi, a re ba tsere kgato ya go tsibosa bakgweetsi le badiri ba dipalamo tsa setshaba ka botlhokwa jwa go dirisa ditlamelo tsa botsogo.
Rre Tiroyakgosi o buile jalo mo potsolotsong kwa letsatsing la botsogo le le neng le rulaganyeditswe badiri ba dipalamo tsa setshaba kwa Lobatse.
A re ke moono wa lephata go dibela matshelo a batho ka jalo ba bone gole maleba go tshwarela letsatsi leo kwa mapalamelong a dipalamo tsa setshaba go rotloetsa bakgweetsi le badiri ba dipalamo tsa setshaba go itlhatlhobela malwetse a a farologaneng jaaka HIV/AIDS, madi a matona le sukiri.
O tlhalositse fa mo mapalamelong a dipalamo tsa setshaba go na le batho ba bantsi ba ba tsamayang mme le fa go ntse jalo bakgweetsi le badiri ba dipalamo tsa setshaba ba sena nako ya go ya dikokelong.
Molomaganya ditiro tsa HIV/AIDS kwa Lobatse, Rre Tebogo Madikwe, o boletse fa boitekanelo jwa maikutlo bo le botlhokwa, bogolo jang fa motho a dira kgotsa a kgweetsa dikoloi tsa sechaba. O ne a rotloetsa badiri bao go dirisa kokelo ya Sbrana fa ba sa ikutlwe sentle bogolo jang mo maikutlong a wetseng tlase kgotsa a tlhakatlhakane.
Rre Madikwe o tsweletse a tlhalosa gore go botlhokwa go nna le motho yo o ka go fang maele a botshelo o bua le ene gape o kgona go mo itekodisa go re a tle a go thuse go kokobela maikutlo.
O tsweletse a rotloetsa badiri go itshidila mmele go thibela go tsenwa ke malwetsi a a sa tshelwaneng a a reng a tsweletse ka go golela pele.
Letsatsi le le ne le tshwerwe ka fatlase ga setlhogo se se reng, “mokgweetsi wa dipalamo tsa Sechaba yoo itekanetseng o sireletsa Sechaba.”
Letsatsi le la botsogo le ne le tsenwe ke makalana a farologaneng go akaretsa Tebelopele , ba lephata la botsogo , lephata la dikotsi tsa dikoloi le ba lephata le le itebagantse le go lwantsha ditagi tse disa letlelelweng mo lefatsheng leno go tswa kwa sepodising sa Botswana ga mmogo le le ba lekalana la pharakano la sepodise sa Botswana . BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Grace Sebape
Location : LOBATSE
Event : letsatsi la botsogo
Date : 19 Nov 2018




