Breaking News

Ramoretlwana o leboga puso

21 Oct 2018

Mongwe wa banni ba Sesung mo kgaolong-potlana ya Letlhakeng Rre Keemalemang Ramoretlwana a re o leboga puso ka go tswelela e ba ntsha mo lehumeng ka mananeo a nyeletso lehuma.

Rre Ramoretlwana a re mananeo ao, a mosola thata ka a fokotsa letlhoko la ditiro ga mmogo le go lwantsha lehuma mo Batswaneng.

Fa a bua mo potsolotsong le BOPA, Rre Ramoretlwana yo o dingwaga di masome marataro le borefabobedi a re o leboga puso ka e mo file dipitsana tse ditona tsa phiriso di le tlhano ka 2016.

A re go le pele o ne a ikwadiseditse go tsaya lenaneo la dipudi mme ka go tlhoka lesego a fitlhela e le gore batho ba ba neng ba ikwadise ba ne ba le bantsi mme a felela a tlhopha dipitsana.

O tlhalositse gore lenaneo leo le tsile ka nako e e maleba ka a fetile dingwaga tsa go bereka mme e le tsone tse a itshetsang ka tsone.

A re dipitsana tseo ke tsa size 20 di le pedi, tsa size 25 di le pedi ga mmogo le ya size 30 mme o di hirisa mo meletlong le kwa dintshong.

Rre Ramoretlwana a re morago ga go fiwa dipitsana, ba ofisi ya nyeletso lehuma ba ne ba mo isa dithutong tsa go tlhokomela dipitsana.

A re kwa dithutong tseo o ne a ithuta gore dipitsana di tshwanetse go tlhatswiwa nako tsotlhe morago ga tiriso mme di tshasiwe mahura gore di seka tsa rusa.

A re gape o rutilwe gore dipitsana di tshwanetse go nna fa go faphegileng teng e bile go le phepa gore di seka tsa tsenwa ke leswe.  

Rre Ramoretlwana a re ka e le dipitsana tse di dirilweng ka tshipi ba gakolotswe gore ba seka ba di baya fa di ka amanang le rusi ka seo sele borai go ka di ntsha mo bolennye jwa tsone ga mmogo le go ka lwatsa batho.

A re ka a nna kwa motseng selagae, dipitsana tseo o di isa ka kara ya ditonki.

O tlhalositse gore dipoelo tse a di bonang o itshetsa ka tsone ga mmogo le go ipolokela kwa letloleng la poso gore a dirise madi a teng ka nako ya fa a na le dipatikego.

Le fa go ntse jalo, a re o kopana le dikgwetlho di tshwana le gore ka nako tse dingwe phiriso ya dipitsana e ya kwa tlase ka go na le dipitsa tse dintsi tsa mofuta oo mo motseng. 

 Ka jalo a re batho ba kgona gore ba di adimane mahala mme seo se dire gore ka nako eo a seka a dira dipoelo. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Nthabiseng Modise

Location : Sesung

Event : Potsolotso

Date : 21 Oct 2018