Motlalekgosi o itshetsa ka jeme
21 Oct 2018
Mme Jane Motlalekgosi wa dingwaga tse di masome matlhano le bobedi kwa Molepolole o tlhalositse fa kgwebo ya gagwe ya dijeme e fetotse botshelo jwa gagwe ka go mo ntsha mo lehumeng.
Fa bua mo potsolotsong le BOPA, mme Motlalekgosi wa kgwebo ya Brendon’s Golden Investment e e direlang kwa Molepolole mo kgotleng ya Masung a Ditshwene, a re o inaakantse le kgwebo e morago ga gore ba ofisi ya balemisi ba ba rute methale e e farologanyeng ya go somarela le go sireletsa thobo.
O beletse fa a ne a tlelwa ke kakanyo ya go simolola kgwebo e e itebagantseng le go dira dijo tse di ka tsayang lebaka di beilwe mme di sa senyege, mme a bona fa go dira jeme go ka nna motlhofo mo go ene.
A re kgwebo ya gagwe e simolotse ya bo ya kwadisiwa semmuso ka 2014 mme e itebagantse le go dira dijeme ka mefuta di akaretsa ya morula, pineapple, tamati and pherefere e a kaileng fa e sa tlwaelesega thata ka e na le tatso e e babang.
Mme Motlalekgosi o tlhalositse fa kwebo ya gagwe a e itshimololetse ka madi a gagwe mme a re o ikaelela go batla dithuso tsa madi mo makalaneng a a lebaneng go ka godisa le go atolosa kgwebo ya gagwe le gone go hira batho ba bangwe.
A re kgwebo ya gagwe e na le mmaraka mme mathata a a mo lebaneng ke tlhaelo ya madi go ka ipapatsa mo go tseneletseng.
O boletse gore le fa go ntse jalo o setse a kopane le mabentlele a matona a le mararo go ka buisana le one go reka dijeme tsa gagwe mme a supa fa ba kaile gore a baakanye dilo dingwe pele.
O ne a tlhalosa fa a dirisa ditshupo tsa temo-thuo le tsa leneano le le itebagantseng le go thusa bomme ka tsa kgwebo la gender affairs go ka ithekisa mo Batswaneng, a tlatsa ka go re o tsenelatse dithupo tsa temo-thuo ka go farologana mme a di fenya ka bontsi.
Mme Motlalekgosi a re le ntswa makalana a tshwana le la LEA le ba metlobo ya ditso ba Kgosi Sechele I ba leka ka go ba direla ditshupo tsa bagwebi go ipapatsa, go santse go tlhaela, a supa fa bontsi jwa Bakwena ba le bonya go ka lemoga botlhokwa le tiriso ya jeme.
O kaile fa nngwe ya dikgwetlho tsa gagwe e le mabotlele a a tsenyang dijeme mo go one, a supa fa a a reka kwa Afrika Borwa, selo se a kaileng fa se mo tisetsa tatlhegelo ka tsela nngwe.
A re o reka lebotlele le le nnye ka P8 fa le le tona a le reka P8.95 mme a rekise le le tona P25 fa le le nnye a le rekisa P20. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Tshepang Segola
Location : Molepolole
Event : Potsolotso
Date : 21 Oct 2018




