O itshetsa ka letlalo
16 Oct 2018
Mme mongwe wa Ditshegwane kwa kgaolong-potlana ya Letlhakeng a re go roka letlalo go mo inotse mo lehumeng.
Mme Kefetogile Moatshe wa dingwaga tse di masome mararo le boferabobedi yo o tumileng ka kgwebo ya go roka matlalo ya Heaven’s Gate Leatherwork a re lerato la ngwao ka a godisitswe mo go yone le ne la mo gwetlha gore a inaakanye le kgwebo ya mofuta o, ka e bile a ne a itemogetse gore ga e dirwe ke bagwebi ka bontsi.
O boletse fa a simolotse kgwebo ka 2016 ka thuso ya ba Nyeletso Lehuma ba ba neng ba mo abela motshine o o rokang, matlalo ga mmogo le tse dingwe tse di neng di tlhokega.
Mme Moatshe a re e ne ya re a sena go fetsa dithuto tsa gagwe ka 1992 a utlwalela ka dithuto tsa mahala tse di neng di ntshitswe ke ba lephata la temo-thuo mme ya re ka 2006, a ikgolaganya le bone go ya go ithuta botsipa jwa go berekana le letlalo. Mme
Moatshe a re ka letlalo o roka dilo di tshwana le mabante, dibeke, ditlhako le tse dingwe. Le fa go ntse jalo a re ka ntlha ya bolwetse o ne a patelesega go emisa go suga matlalo mme a simolola go reka le le sugetsweng ruri.
A re le fa kgwebo ya gagwe e ise e goroge kwa a batlang teng, e a solofetsa, mme a re selo se se mo isang kwa tlase ke gore Ditshegwane o monnye ka jalo bareki ba boutsana.
A re Batswana ka bontsi ga ba ise ba lemoge boleng jwa letlalo le tse dintle tse di dirwang ka lone.
A re kgwetlho e nngwe e e santseng e aparetse kgwebo ya gagwe ke go tlhoka lefelo la madirelo ka a santse a direla mo lwapeng ga mmogo le go reka didirisiwa kgakala.
Mme Moatshe o ne a kopa Batswana go inaakanya le ngwao le go mo rotloetsa ka go reka mo kgwebong gore ngwao e seka ya nyelela. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Goitseone Tlhware
Location : LETLHAKENG
Event : Potsolotso
Date : 16 Oct 2018




