Moletlo o tlhoka seba sa botlhe
03 Oct 2018
Banni ba Ngware ba rotloeditswe go nna le seabe mo letsatsing la mafatshefatshe la dijo le le tlaa bong le ipelelwa kwa Lentsweletau mo Kweneng kgwedi eno e tlhola lesome le borataro.
E rile fa a rola pego go tswa kwa lepahateng la temo-thuo, mothusa modulasetilo wa mokgatlho wa Barua Kgomo ba Kweneng, Rre Masego Phuduhudu a tlhalosa fa e rile morago ga go itewa ke leuba ga mafatshe mangwe lekgotla la ditshaba la dira tsamaiso ya gore balemi-barui mo lefatsheng ka bophara ba phuthege, ba supe dijo tse ba di dirileng le go itsaya motlhala gore ba ka tlhabolola jang ditsela tse ba lemang ka tsone gore ba ntshe dijo tse dintsi go fedisa tlala.
Rre Phuduhudu a re letsatsi leo gape le diretswe go fa balemi-barui sebaka sa go ipelela matsapa a bone a go ntsha dijo, mme a gwetlha barui-balemi ba motse wa Ngware go nna le seabe ka go tsisa dijo ka go farologana tse ba di dirileng mo temong ee fetileng ga mmogole diruiwa.
A re ka letsatsi leo go tlaa nna le baemedi go tswa kwa mafatsheng a sele ba ba tlaa bong ba supa dijo tsa mafatshe a bone mme a gwetlha dikomiti tsa motse ka go farologana, jaaka ya balemi-barui go ntsha maloko a tsone a a tla nnang le seabe mo paakanyetsong le goya go tsaya malebela ka letsatsi leo.
Mongwe wa banni ba motse oo, Rre Motsumisi Ledimo o tlhalositse fa ba tshwenngwa ke diji tse di ba paledisang go ntsha thobo ee nametsang mme a kopa puso go sekaseke melawana ya gore balemi ba seka ba bolaya diji di tshwana le dinoko ka di ba ntsha kwa masimo ka nyoba e sa fotlhwa.
Banni ba ne gape ba lela ka letlhoko la mokenti le molemisi, mme ba re seo se ba kgoba marapo ka go sena yo o ba rutuntshang ka tsa temo-thuo. Ba ne gape ba supa matshwenyego a gore diterekere ga di ba lemele sentle, ba re le fa ba ikuela ba tlhasetswe ke diji, balemisi ba tsaya nako go tla.
Banni gape ba ne ba ntsha ngongorego ya dipeo tse di diegang go tla ka nako ya temo, ba re se se ba paledisa go dirisa dipula tsa ntlha.
Fa a ba kgwa dikgaba, Rre Bobby Ramotho wa lephata la temo-thuo go tswa kwa Letlhakeng o ne a ba solofetsa fa a tlaa ya go rolela bogogi jwa lephata selelo sa letlhoko la molemisi mo Ngware.
O ne gape a tlhalosa fa go nna bonya gore ba tsamae le balemi-barui go ba rutuntsha ka ntata ya tlhaelo ya madi le ditsompelo go rulaganya dithuto puisanyo tseo.
Rre Ramotho o ne a tlhalosa fa mo tsamaong ya nako lephata le tlaa simolodisa tsamaiso ya gore barui ba ikentele. .
Fa a leboga, mokhanselara wa Ngware Rre Ontatlhile Selatlho o rotloeditse balemi-barui go nna seopo sengwe gore lentswe la bone le utlwale fa ba ikuela ka matshwenyego a ba nang nao mo kgaolong.
O ne a tlhalosa fa seemo sa tlhaelo ya digogi le diterekere mo kgaolong e le se segolo, mme a re go tlhoka gore puso e ba laole, ba lekanyediwe masimo go hema seemo se masimo a batho a tlaa lemololwang mme digogi di tsee lebaka go lema bokgola bo nyelela. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Thandie Keitumetse
Location : LETLHAKENG
Event : Pego
Date : 03 Oct 2018



