Breaking News

Tsayang tlhopho ka tlhoafalo Dr Gobotswang

25 Sep 2018

Maloko a diphathi tse di itshwaragantseng go emela ditlhopho a Umbrella for Democratic Change (UDC) ba gakolotswe go tsaya tlhopho ka tlhoafalo ba e dirisa go dira diphetogo mo matshelong a bone.

Kgakololo eo e dirilwe ke mothusa moeteledipele wa phathi ya Botswana Congress (BCP), Dr Kesitegile Gobotswang kwa phuthegong ya sepolotiki ya diphathi tsa magata-mmogo tsa UDC kwa Mahalapye ka Matlhatso.  Dr Gobotswang o gakolotse Batswana ba ba dingwaga tse di lesome le boroba bobedi le go feta go dirisa sebaka se ba se filweng go ikwadisetsa ditlhopho.

A re ba seka ba tsaya tlhopho matletleisi, ba itse fa e le selo sa botlhokwa mo go kaeleng sepe se se dirwang se itebagantse le go tlhabolola botshelo jwa setho.

“Re fano go le rotloetsa go ikwadisetsa ditlhopho. Keletso ke gore Motswana mongwe le mongwe yo o dingwaga di mo letlang go ikwadisa a dire jalo,” ga tlhalosa Dr Gobotswang.

E rile a itebaganya le kgang e e amang bokopano jwa UDC a tlhalosa fa e le boammaruri ba aparetswe ke dikgwetlho tse di tlhokang boineelo le bopelotheri  jwa maloko le boeteledipele jo bo tsepameng gore di kgone go rarabololwa.

“Go bokete, re raletse diemo tse di thata, sefofane sa UDC mo nakong eno se raletse matsubutsubu a diphefo a tlhoka gore mongwe le mongwe a ingangatlele gore seemo seo se kaologe,” a gatelela.

Le fa go ntse jaana, boeteledipele bo tlaa tswa ka tharabololo e e tshwanetseng, ga tlhalosa Dr Gobotswang.

“Re itse mathata a rona, e bile re bonye tlharabololo ya one. Re le boeteledipele re itse fa re tshwanetse ra tsaya tshwetso e e tla re isang kwa re eletsang go goroga teng,” a tlhalosa.

O ne a supa gore diphathi tsa kganetso di lemoga dikgwetlho dingwe tse di tshwenyang mme di kgoreletsa matshelo a Batswana.

Dr Gobotswang a re bosheng jaana go nnile le madiadia a go thusa bana ba ba duelelwang thuto ke puso, mme bangwe ba bone ba simolola dithuto morago ga nako, fa madi a itshetso le a dibuka a bana ba ba ithutelang bongaka le one a diegile mme seo sa kgoreletsa thuto ya bone.

Mothusa moeteledipele wa Botswana National Front Reverend Dr Prince Dibeela o iteetse moroko mafoko a ga Dr Gobotswang, a supa fa tlhopho e le botlhokwa. “Emisang go tlhopha baemedi ba ba sa le direleng boammaruri,” ga tlhalosa Dr Dibeela, a re phoso e dirwa ke motho e bile e baakanngwa ke motho ka jalo nako e tsile ya go baakanya ka go neela puso phathi ya UDC.

“Nako e tsile ya gore Batswana ba rome UDC, e na le mananeo le baeteledipele ba ba nonofileng go tsamaisa meamuso ya lefatshe le, le go diragatsa dikeletso tsa lona go sena pelaelo epe,” a tlhalosa.

O supa fa UDC e na le tsamaiso e e tsepameng go thusa Batswana go tokafatsa matshelo, a supa sengwe sa dilo tse di tla dirwang e le go rerisana le morafe go baakanya molao motheo ka go ntsha tsotlhe tse di sa tsamaelaneng le ka fa ba tshelang ka teng. 

Dr Dibeela a re sengwe sa botlhokwa ke go tokafatsa tsamaiso ya dikgaolo ka go di fa sebaka sa go itirela lenaneo la tiriso ya madi le go oketsa kana go tswakanya metswedi e ka dirang madi mo dikgaolong ka go farologana.

O supile gore phathi ya UDC e tlaa tsibogela kopo ya setshaba ya gore bana ba dingwaga tse di kwa tlase ba rutwe pele ka diteme tsa batsadi ba bone gore ba kgone go tlhaloganya ka bofefo le go tshwara se ba se rutwang.

“Re itlamile go fa bana thuto jaaka e le tshwanelo, mme ope yoo ka lekang go kgoreletsa lenaneo le o, jaaka batsadi bangwe ba ba ntshang bana mo dikolong ba ba dirisa ditiro tsa bokgoba, o tla tseelwe dikgato ka fa molaong,” ga tlhalosa Dr Dibeela.

O ne tswelela a supa gore phathi ya UDC e na le mananeo a ditlhabololo a nonofileng e bile a ikaeletse go isa lefatshe kwa pele. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Moshe Galeragwe

Location : MAHALAPYE

Event : Phuthego ya sepolotiki ya diphathi tsa magata-mmogo

Date : 25 Sep 2018