Breaking News

Monana o ipelafatsa ka talente ya botaki

25 Sep 2018

Monana wa Thamaga Rre Phemelo Mogorosi wa dingwaga tse di masome mabedi le bone a re talente e botlhokwa ka mo malatsing a gompieno e le bogadi bo gaufi e bile e fokotsa letlhoko la ditiro.

 Fa a bua mo potsolotsong, Rre Mogorosi a re o tswa kgakala a na le kgatlhego e ntsi mo botaking, go bopa, ga mmogo le go dira ditshwantsho ka mefuta.

 A re o sale a simolola bonnyeng jwa gagwe a rata go lebelela ditshwantsho tsa botaki mme seo sa dira gore a nne le keletso ya go ipona e le motaki nako nngwe.

O tlhalositse gore o feletse ka lekwalo la botlhano kwa sekoleng se segolwane mme o ne a sa dire dithuto dipe tsa botaki.

Ka jalo a re o ne a lebelela bataki ba dira tiro ya bone mme a tsaya malebela ka go ba etsa go fitlhelela a tshwara se a neng a leka go se dira.

 A re morago ga go wetsa dithuto tse di kgolwane, o ne a ya go dira dithuto tse di khutshwane tsa kgwebo, le tse dingwe mme a seka a dira tsa botaki ka a ne a lemogile gore o setse a na le bokgoni mo tirong eo.

Rre Mogorosi a re ka batsadi ba gagwe ba ne ba mo eme nokeng mo tirong ya go tshwantsha ba ne ba mo thusa go ipulela kgwebo ya gagwe ya botaki.

A re madi a a neng a a filwe ke batsadi o ne a reka didirisiwa tsa botaki di tshwana le metako, maborashe, dipente ga mmogo le di pensele tse di tshwantshang.

O tlhalositse gore morago ga go nna le di dirisiwa tsa botaki o ne a simolola tiro ya gagwe ya go ira ditshwantsho tsa kgwebo, ka jalo a ira tiro ya gagwe ka maiteko a go ngoka bareki.

 A re ka lesego maiteko a gagwe a ne a tswa tema morago ga go dira setshwantsho sa metsi a a nang le selebego sa go elela ka 2016, mme a se tsenya mo maranyeng a facebook kwa se ileng sa kgatlhegelwa ke batho ba le bantsi.

A re batho ba ne ba mo galaletsa ka bontsi, ba supa fa a dirile tiro e ntle thata ya botaki, mme a felela a rekisitse setshwantsho seo P300.

Ka jalo a re kgalaletso eo e ne ya mo tiisa moko go tswelela le tiro ya gagwe.

O tlhalositse gore mo nakong ya gompieno o dira ditshwantso tse di farologaneng mme a tsamaya a di rekisa mo diofising tsa puso le go rekisetsa batho ka bongwe ka bongwe, mme a re dipoelo ke tse di nametsang.

Rre Mogorosi a re mo nakong ya gompieno mengwe ya mekgabisa ya gagwe o e beile kwa Botswelelo Pottery ka e le lefelo le le beileng mekgabisa ya banni ba motse gore e bone theko ka pela.

A re gape ka dipaka tsa manyalo o pentela banyadi le baetsana ditlhako jaaka e le tsela nngwe ya go kgatlhisa diaparo tsa banyadi.

Monana yo a re dipoelo tse a di boneng fa a sale a simolola go rekisa mekgabisa o a di boloka ka a na le dikeletso tsa go dira mekgabisa ya boleng jo bo kwa godimo.

A re le fa kgwebo e tsweletse sentle o lebanwe ke dikgwetlho di tshwana le phadisanyo e ntsi ga mmogo le ditlhwatlhwa tse di kwa godimo tsa didirisiwa tsa botaki ka e bile a re di bonwa kwa Gaborone fela.

Le fa go ntse jalo a re ene le banana ba bangwe ba sa tswa go tlhama setlhopha sa botaki se se bidiwang Batsha Arts go tswa mo metseng e e farologaneng.

A re maikaelelo a setlhopha seo ke go leka go abelana maele ka botaki ga mmogo le go emela metse ya bone mo mererong ya botaki fa go na le meletlo mengwe ya botaki kana dikgaisanyo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Nthabiseng Modise

Location : THAMAGA

Event : POTSOLOTSO

Date : 25 Sep 2018