Breaking News

Ba rotloediwa go dirisa matlhophelo a masha

24 Sep 2018

Banni ba kgaolo-potlana ya Tlokweng Central ba rotoeditswe go ikwadisetsa ditlhopho mo mafelong a a rebotsweng e leng Matlala Junior Secondary School le kgotla ya Nkaikela.

Se o se builwe ke mogolwane mo ofising ya lekgotla le le tsamaisang ditlhopho (IEC), yo o okametseng kgaolo ya botlhophi ya Molepolole, e akaretsang metse ya Tlokweng, Ramotswa le Gaborone, Mme Patricia Mmoloke ko phuthegong eneng e tshwerwe ke ba lekgotla la ditlhopho la IEC bosheng mo Tlokweng.

Mme Mmoloke o ne a tlhalosetsa Phuthego eo fa se se tla ka jaana mokhanselara wa kgaolo ya Tlokweng Central Rre Dichabe Sitshiro a ne a supile ngongora tebang le bokgakala jwa matlhophelo, mme a bolela fa go sena se se ka dirwang mo sebakeng se ka jaana ikwadisetso ditlhopho e setse e tsweletse. “Ngongora e re neng ra kopana le yone e tla ka mokhanselara, re ne ra seka ra e tsaya motlhofo re lebile gore jaaka ha e le mookamedi wa morafe o tsisa dingongora tse di tswang kwa morafeng.

O ne a tlhalosa fa ba ne ba lemoga fa matlhophelo otlhe ka bobedi a a hudusitsweng a se sekgala thata ka jaana go tswa kwa matlhophelong a ga Mantshetlha Motlhabane a a neng a dirisiwa pele e le dimmithara di le makgolo a mane go tsena kwa go a masha a Nkaikela.

A re a mangwe a a neng a le kwa ga Mme Bonyana Kgokong go supagala fa e le dimmithara tse di makgolo a roba bongwe go tsena kwa go a masha a Matlala Junior school, se e leng gore se na le dikago ga mmogo le motlakase.

Mme Mmoloke o ne a tlhalosa fa tshwetso ya go fudusiwa ga matlhophelo ao, e tsile jaana ka lebaka la gore matlhophelo a a neng a dirisiwa pele a ga Mmantshetlha Motlhabane le Dinyana Kgokong, go ne go tlhomilwe ditante mo go one e se dikago tsa se nnela ruri.

O ne a tlhalosa fa ditante di sa babalesega, a re di wela ba ba tlhophisang di ba gobatsa.

A re ditante di na le kgwetlho e tona ka jaana di na le dikotsi segolo bogolo mo diemong tsa dipula le diphefo.

Kwa bokhutlong Mme Mmoloke o ne a kopa morafe o o neng o le mo phuthegong go rotloetsa ba ba seyong go ya go ikwadisetsa ditlhopho mo matlhophelong a masha ao.

E rile a tswa la gagwe Mokhanselara Dichabeng Seitshiro a re selelo sa gagwe ke gore go baakanngwe ka lebaka la gore batho ba kgaolo eo ba bona mafelo ao a le kgakala.

A re seemo se fa se sa baakanngwe se tlaa rotoetsa go utswiwa ga batlhophi go ba isa dikgaolo tse eseng tsa bone.

A re kgang ya gagwe ke gore le nako e go neng go fudisiwa tante go tswa kwa Front of Bogatsu go tsena kwa ga Dinyana Kgokong go ne go ntse go lekgakala, ka jalo a kopa gore seemo se se baakangwe ka go le boleele fela thata.

Batsena phuthego ba ne ba itela mo go a IEC gore ba baakanyediwe gore ba tle ba kgone go ikwdisa.

Mme Mosidi Mabiletsa o ne a bolela fa bontsi jwa bagolo ba lela ba sa itse kwa go tlhophelwang teng.

A re go na le ketsaetsego ya gore go tlhophelwa kae, a kopa gore seemo se se baakangwe. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kelebogile Taolo

Location : TLOKWENG

Event : POTSOLOTSO

Date : 24 Sep 2018