Breaking News

Mokgatlho o rotloetsa boikgapho

22 Aug 2018

Modulasetilo wa mokgatlho o o natefisang mo medirong wa Triller Wedding Dancers, Rre Bakang Kgotlayarona a re mokgatlho wa bone o rotloetsa boikgapho mo ditseleng tse di segang tsebe mo baneng ba Serowe.

Mo potsolosong le BOPA, Rre Kgotlayarona o tlhalositse fa mokgatlho o o tlhamilwe ke banana ba Serowe ngwaga ono o simologa ka maikaelelo a go leka go tswa ka metlhale e ka yone ba ka e dirisang go ipetlela bokamoso.

O boletse fa mokgatlho wa bone o itebagantse segolo bogolo le go bina, ba natefisa mo meletlong ya manyalo le meletlo e mengwe ka go farologana, mme ba dira jalo ka go atswiwa ka lemmenyana.

O tlhalosa fa dipoelo tsa go diragatsa, di ba tlodisa melatswana, bogolo jang ka ba aperwe ke namane e tona ya letlhoko la ditiro. A re ba ne ba ititaya ka thupana e le banana ba Serowe go se dire letlhoko la ditiro e le seipato mo go tswelediseng matshelo a bone. Monana yo, o ne a bolela fa metlhala ya khumo e le mentsi fela e tlhoka balatedi le ditlhaloganyo.

Modulasetilo o tlhalositse fa maitlamo a bone e le maloko ba dumalane gore ba kopane mo bekeng maitseboa mangwe le mangwe go ikatisa. O boletse fa morago ga ikatiso nngwe le nngwe ba nna le dipuisanyo go gakololana le gone go abelana maele ka matshelo a bone. O kaile fa seo se ba thusitse go ikgapha mo ditirong tse di maswe tse e ka reng ka moso di bo di ba senyeditse isago.

Rre Kgotlayarona o tlhalositse fa mokgatlho wa Triller Wedding Dancers mo nakong eno o setse o ngokile banana ba Serowe ba le lesome le botlhano, fa mo palong e ba ferabobedi e le bomme fa ba supa e le borre go tswa mo dikgotleng tse di farologanyeng.

O kaya fa ba bona thotloetso e e nametsang go tswa mo banning ba Serowe le metse e e mabapi. O ne gape a tlhalosa fa mokgatlho o wa bone o sa itebaganya fela le merero ya tsa mmino ka jaana ba a tle ba tsenye letsogo mo ditirong tsa motse ka boithaopo.

“Re a tle re batle letsatsi lengwe go ka phepafatsa motse wa Serowe, e le go leka go nna le seabe se se bonalang mo ditirong tsa motse wa rona,” ga tshwaela jalo modulasetilo. O ne a gwetlha banana go ralala lefatshe leno, gore  ba seka ba boitlhoboga mo botshelong ka lebaka la letlhoko la ditiro. A rotloetsa batho ka botlhokwa jwa go ikamogela mo matshelong a bone le go batla ditsela tse di molemo tse ba ka itshetsang ka tsone. O  ne a fa sekai ka bodiragatsi, a paka fa bodiragatsi e sa tlhole e le selo sa itloso bodutu fela. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kgalalelo Osenkeng

Location : SEROWE

Event : potsolotso

Date : 22 Aug 2018