Breaking News

Molelo wa naga o tlogela bakgetli ba bojang ba akabetse

22 Aug 2018

Molelo wa naga o o neng o tlhasetse masimo le meraka ya Parakarungu mo kgaolong ya Chobe o tlogetse bangwe ba bakgetli ba bojang ba itshopere. 

Molelo o, go tlhalosiwa o simolotse ntlheng ya Namibia mme o ne wa jwelelela le masimo le meraka ya Parakarungu. 

Masimo le meraka ya Mabozu, kwa banni ba Satau, Kachikau, Mabele, Kavimba le Parakarungu ba kgetlang bojang teng thata, e ne ya amega thata.

Mo potsolotsong le ba BOPA mongwe wa bakgetli ba  bojang mo Parakarungu  Mme Numbe Nchindo o tlhalositse fa melelo ya go tshwana le e e sa ba jese diwelang e le bakgetli ba bojang segolo bogolo fa paka ya selemo e simolola.

O ne a bolela fa molelo o tshubile bojang bongwe jwa bone jo boneng bo setse bo kgetlilwe ka gore o  ba tshoganyeditse.

“Molelo o go supagala fa o simolotse kwa Namibia mme o bo o tlolelela mo Botswana.

Re le bakgetli ba bojang  re senyegetswe fela thata.” go tlhalosa Mme Nchindo.

Mme Nchindo a re go kgetla bojang e setse e le kgwebo e tona mo kgaolong e tshwana le ya Chobe ka gore batho ba itshetsa ka kgwebo eo.

A re bontsi jwa batho ga ba bereke mo metseng selegae, ka jalo go kgetlha bojang go thusa go godisa itsholelo ya banni.

O tlhalosa fa a rekela bana ba gangwe paka ya sekole ka madi a aa bonang fa a sena go rekisa bojang mme ditiragalo tsa mofuta o di ba baya ka fa mosing. 

Mme Nchindo a re molelo wa naga ga o senye bojang jo bo kgetlilweng fela mme o tshuba le bojang jo baneng ba eletsa go ka bo kgetla mme se se dira gore ba bo latele kgakala ko go senang molelo teng. 

O tlhalosa fa se e le kgwetlho ka gore bontsi jwa bakgetli ba bojang ga ba na dikoloi mme ba tsamaya ka dinao. 

Molelo o wa naga go lebega o sa ama bakgetli ba bojang fela mme o amile le bakgetli ba letlhaka ba ba neng ba le kgetla ko Nokeng ya Lyambezi ko mafatshe a Namibia le Botswana a kopanelang teng. 

Mongwe wa ba ba amegileng,  Mme Chuma Makgetho, a re molelo wa naga wa bosheng o jele letlhaka la gagwe le ka tshwara dingata di le masome mararo.mme a re se ke poelo morago ka gore o tshwanela ke gore a ye go simolola sesha ka ebile a ne a setse a bone moreki wa letlhaka leo.

Mme Makgetho a re o dirisa letlhaka le lengwe go aga bonno jwa gagwe mme tiragalo ya mothale o e ngomola pelo, segolo bogolo ka go kgetla bojang go tla ka dikgwetlho di le dintsi jaaka go tsamaya sekgala se se telele go ya ko nokeng ko ba kgetlang letlhaka teng. 

O ne a tswelela ka go kgala batho ba ba tshubang naga ka go bo go dira jalo e le go senya matlotlo a tlholego. 

O kopa thuso mo pusong go dira ditsela tse di ka kganelang molelo go jwelelela, segolo bogolo kwa mafatsheng a Botswana le Namibia a kopanelang teng go tila ditshenyegelo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Johnson Mabuta

Location : PARAKARUNGU

Event : potsolotso

Date : 22 Aug 2018