Go jesa loruo go ka busetsa morui
21 Aug 2018
Morui wa Tati Siding, Rre Parkie Pius a re go jesa loruo ke nngwe ntlha ya botlhokwa go le tlhokomela.
Mo potsolotsong, morui yoo, yo e leng mongwe wa barui ba popota, o tlhalositse fa go jesa loruo go thusa thata gore ka dinako tsa leuba loruo le bo le le mo seemong sa go ka kgona go itepatepanya le manokonoko a leuba.
A re mo dinakong tseno, phulo e boutsana mo nageng ka jaana dipula di le boutsana, mme ke gone ka moo a neng a gakolola barui ka ene go sa ikaege fela ka phulo ya naga mme ba lemoge botlhokwa ja go jesa leruo la bone dijo tsa dikotla.
“Fa go le leuba mo nageng loruo ga lo kgore sentle mme seo e be e nna kgwetlho, segolo bogolo le le namagadi ka jaana ka dinako tsa gore di tsale di nna le kgonagalo ya gore di ka phuphama mme seo se bake tatlhegelo ya loruo,” a bua jalo.
Rre Pius o ne a tlhalosa fa go jesa loruo dijo tsa dikotla, go lo thusa gore le seka la tshabelelwa ke malwetse.
A re go jesa loruo go dira gore lo tlwaele lesaka mme ka jalo le seke le saile mo sekgweng mo go leng borai go ka utswiwa ke magotswana a leruo kgotsa go ka tlhaselwa ke dibatana.
Rre Pius o ne a leboga puso ka lenaneo la ISPAAD, a re ka lone ba kgona go lemela loruo dijo tse di akaretsang Lab-Lab.
O gwetlhile barui ka ene go akola lenaneo le, a re gape ba ka le dirisa bontlha jo bongwe go ka itshimolela dikgwebo tsa go lema ba rekisa bontlha jo bongwe jwa thobo ya dijo tsa loruo, mme kgabagare ba kgone go thiba fa go tlhokegang teng.
“Ka madi a kgwebo ya bontlha bongwe jwa thobo ya loruo morui o ka kgona go reka ditsompelo tsa loruo tse di tlhokegang jaaka tipi, manyena ga mmogo le melemo,” a tlhagisa jalo.
O ne a kopa Batswana ka kakaretso go tswelela ba tsaya temo-thuo ka tlhoafalo, a bolela fa go tsweng Goo-Lowe temo-thuo e ne e le seikokotlelo sa bone. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kebatsaletse Ongadile
Location : TATI SIDING
Event : Potsolotso
Date : 21 Aug 2018



