Breaking News

Puso e tshwenngwa ke tshireletsego ya baagi ba ba mo molelwaneng

16 Aug 2018

Tona wa lephata la di-tswa mmung, boranyane jwa pabalelo tikologo le tlhomamiso kgotetso, Rre Eric Molale a re puso e tshwentswe ke tshireletsego ya banni ba ba agileng go bapa le melelwane bogolo jang mo Borolong. 

E rile a buisa phuthego ya kgotla kwa Dikhukhung a re mafatshe a Botswana le Afrika Borwa a dumalane gore a amogane go baakanya tereta ya molelwane, mme gangwe le gape fa tereta e sena go baakanngwa e a utswiwa, mme se ke tatlhegelo. 

O tlhalositse fa dikgomo tsa Barolong le tsone di felela di tlolela kwa Afrika Borwa, mme se se babalela barui mo go di lateleng, ka ba taolo ya matlhoko a loruo ba di tshwara. 

Tona Molale o ne a gakolola baagi go dirisa mananeo a puso, a re baagi ba tlogele go hudisa mo nokeng, ba tseye mananeo a tshwana le LIMID ba epe didiba ko go babalesegileng. 

Rre Molale a re se sengwe se se tshwenyang ke bogodu jwa dikoloi, tse di tlodisiwang e seng ka fa mokgweng mo molelwaneng. 

Rre Molale o ne a kgalemela banni gore e ne e re fa mapodisi a le mo motlhaleng wa dilalome tse di utswang dikoloi ba kata ka morago gore ba seka ba gobala. 

O rile banni ba Dikhukhung ba tsee tshireletsego ya matshelo bone ka tlhoafalo ka ke yone e tlang pele. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Thusoyaone Sechele

Location : DIKHUKHUNG

Event : phuthego ya kgotla

Date : 16 Aug 2018