Dikoko tsa mae di fa monana seriti
16 Aug 2018
Nyeletso lehuma ke lengwe la mananeo a a fileng banana le bagolo ba le bantsi seriti go tswa fela gore yo o le neetsweng o le dirisa jang.
Rre Motlatsi Ntuluki wa dingwaga tse di masome mabedi le borataro ke mongwe wa banana ba ba akolang lenaneo le ka tsela e e solofetsang.
Rre Ntuluki o thusitswe ka dikoko tsa mae di le masome a matlhano mo ngwageng o o fetileng ka Phatwe.
O ne a agelwa fa dikoko di tlaa nnang teng, a fiwa fa di beelang teng, molemo le dijo tsa tsone tsa selekanyo sa 50kg di le lesome.
Dikoko tsa ga Rre Ntuluki di simolotse go baya mae morago ga kgwedi mo a neng a bona mae a le masome a mane go ya kwa go a masome a mane le boferabobedi ka le tsatsi go tswa fela gore dikoko tsa gagwe di mo seemong sefe.
“Dikoko tsa me di baya mae a selekanyo se se farologaneng ka maemo jaaka Size 1, 2, 3 le lee le tona le le fetang Size 1 go tswa fela gore di ja jang le gore a metsi a nna a le teng ka nako tsotlhe,” ga bua Rre Ntuluki.
Mo thekisong ya mae, go tswa mo selekanyong sa mae a a a kalang ka sekale se a boletseng a se hirisitse go tswa mo mongweng wa banni ba motse, mae a size 1 a lopa P10 a le marataro, size 2 P9, size 3 P8 mme a a fetang size 1 one ke P12 a le marataro otlhe.
“Kgwebo ya mae mo motseng e tsamaya sentle mo dinakong tse dingwe ke rekisetsa ba sekole se se botlana sa Tamasane ba ba rekang ka selekanyo se segolwane,” Ntuluki a supa.
Mo nakong ya gompieno selekanyo sa mae se se ntshiwang ke dikoko tsa ga Rre Ntuluki se kwa tlase ka gonne di fokotsegile ka palo go ya kwa go masome a mabedi le bone, a bolela fa gape dile gaufi le go digela nako e di e beetsweng go baya mae. Mo tsamaisong ya kgwebo ya gagwe, Rre Ntuluki o fetile ka dikgwetlho di le mmalwa jaaka bogodu go tswa mo bangweng ba ba itirileng bo tsebe se utlwe mo ba utswang dikoko.
Mo go tse dingwe o nnile le dikoko di le thataro tse di neng di sa bee tse a di rekisitseng, le di le lesome le boraro se di suleng ka bolwetse jo bo neng bo mo tlhasetse mme a bo tsibogela ka nako. O kaile fa a turelwa ke go duela dipalamo tse di tlang di mo rwaletse dijo go tswa Palapye ka e le gone kwa a ka di rekang teng.
“Ke eletsa gore puso e ka bo e ne e ntataisitse go fitlha kwa dikgweding di le thataro gore ke itshetlele, ke rata kgwebo yame, mathata ke gore mo dinakong tse dingwe ke felela ke dirisa madi a pata yame go tlatsa go reka dijo tsa dikoko ka gore di turu,” Rre Ntuluki a ntsha dikeletso tsa gagwe.
Rre Ntuluki a re ene o simolotse a le pelo telele mo botshelong a eletsa sengwe go ka itshetsa, ke ka moo a feletseng a kgetha go nna mogwebi wa mae.
O gwetlhile banana ka ene go ititaya ka thupana le gore ba seka ba tlhajwa ke ditlhong go tsaya dithuso tsa mananeo a puso go itshetsa ka mo malatsing ano go le thata go ka bona mmereko, a kaya gore mananeo a, go tshwana fela le fa motho a duelelwa sekole ke puso. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kealogile Diloro
Location : TAMASANE
Event : potsolotso
Date : 16 Aug 2018



