Breaking News

Ba Mosinki ba lebogela thuto ya bana

12 Jul 2018

Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse wa Mosinki gaufi le Molepolole, Mme Tebalo Nchoko a re banni ba koo ba lebogela go menagane lenaneo la go isetsa bana ba bone ba babotlana thuto.

E rile a bua mo potsolotsong le BOPA, Mme Nchoko a supa fa mo lebakeng le leleele bana bangwe ba koo ba ne ba tlhoka go akola thuto ka lebaka la sekgala se seleele go tswa Mosinki go ya Molepolole kana Thebephatshwa.

A re batsadi ba bana bao ba ne ba sa kgone ditshenyegelo tsa go pega bana letsatsi le letsatsi ka ba le ’ikobo dikhutshwane.

A re le fa mo nakong eno go santse go le bokete mo batsading bangwe, e le komiti ya ditlhabololo ba tsweletse ka go tlhomamisa gore bana ba ya sekoleng.

O ne a supa fa a akgola batsadi ba a reng ba ntsha di-tsa bone go tlhomamisa gore bana le ba e seng ba bone ba ya sekoleng.

A re se se supa fa mowa wa boithaopo le tirisanyo mmogo di le teng mo baaging.

E ne ya re fa a tswa la gagwe, mogolwane mo lekalaneng la Out of School Education and Training  (OSET) le le itsegeng ka leina la Thuto ga e golelwe, Rre Meshack Kgopana a kaya fa lekalana leo e le lengwe la a lephata la thuto mme maikaelelo a lone e se go isetsa bagolo fela thuto.

A re ba simolotse lenaneo la thuto ya bana ba bannye go tswa kwa moding mme a supa fa ba ne ba lemoga gore letlhoko la lenaneo leo le teng kwa Mosinki.

A re selo se ba se itumelelang ke gore bana ba Mosinki ba na le kgatlhego mo lenaneong le.

Rre Kgopana o tlhalositse fa lenaneo leo le akaretsa bana ba ba tlodilweng ke sekole e le tsela ya go ba suga gore ba nne mo seemong sa go tsena sekole.

O boletse fa ba thapa barutabana le go fa bana bao dijo e le tsela ya go imolola batsadi morwalo.

Le fa go ntse jalo, Rre Kgopana o ne a ikuela mo batsading go tlhomamisa gore bana ba ya sekoleng ba le mo seemong sa go ka rutwa.BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Keorapetse Kgomotso

Location : MOLEPOLOLE

Event : Potsolotso

Date : 12 Jul 2018