Mmoulwe o itshetsa ka dipodi
10 May 2018
Mme Tebatso Mmoulwe wa Hatsalatladi mo Kweneng o lebogile puso ka seabe sa yone sa go ntsha Batswana mo lehumeng ka mananeo a nyeletso lehuma.
E rile a bua mo potsolotsong le BOPA, Mme Mmoulwe wa dingwaga tse 55 a re o leboga puso go menagane ka e mo ntshitse mo lehumeng ka go mo fa lenaneo la thuo ya dipudi.
O tlhalositse gore pele ga a fiwa lenaneo leo ka Hirikgong, go ne go se motlhofo go ijesa ka a ne a sa bereke e bile gape go sena sepe sa itshetso se a se dirang.
Ka jalo a re lenaneo le, le tsile ka nako e e maleba mo go ene ka e bile a re o tswa kgakala a rata go rua, segolo jang dihutshane.
Mme Mmoulwe a re dipudi di bogadi bo gaufi ka ditsala gabedi mo ngwageng, e bile di se dingalo go tlhokomelwa.
O tlhalositse gore o filwe dipudi di le lesome le botlhano, mo go tsone tse dinamagadi di le lesome le bone le phoko.
Mme Mmoulwe a re dithuto tse a di filweng morago ga go neelwa lenaneo di mosola ka a kgonne go ithuta gore dipudi di tlhokomelwa jang, a tlatsa ka go re o itse gore fa podi e supa dikai dingwe e ka tswa e lwala bolwetse bo fe mme a nne le sebaka ga go e senkela kalafi e e maleba.
O tlhalositse gore e re ntswa a tswa kgakala le thuo, o ne a sa itse go fa dihutshane mokento a re o ne a sitega go di tlhaba mme fa e sale a nna le dipodi tse, o ititeile sehuba go dira sengwe le sengwe se se maleba go di fa tlhokomelo go ya ka fa tshwanelong gore di tle di ate sentle.
Mme Mmoulwe a re gape o rutilwe dithuto tsa go tsamaisa kgwebo gore a nne le sebaka sa go itse gore o rekisitse podi e fe ya selekanyo se fe ka bokae.
A re gape o ne a sa itse mosola wa go baya mekwalo wa kgwebo, mme mo nakong eno o itse gore seo ke bosupi jwa gore a kgwebo e tsweletse sentle e dira dipoelo kana ditlatlhegelo.
Le fa go ntse jalo, Mme Mmoulwe a re o kopana le dikgwetlho di tshwana le tlhaelo ya melemo, ka jalo dipodi tse dingwe di a swa, a tlatsa ka go re o setse a latlhegetswe ke di le pedi ka ntata ya bolwetse a ne a tlhokile melemo.
A re kgwetlho e nngwe ke gore go na le magodu a dihutshane mo motseng wa bone, mme a re seo se mmusetsa kwa morago ka jaanong palo ya dipodi e fokotsega.
Le fa go ntse jalo, a re o lebogetse seabe sa ofisi ya nyeletso lehuma ka e ba rotloetsa gangwe le gape e bile e ba lekola thata. A re seo re dira gore a tie moko le go feta.
Mme Mmoulwe o rotloeditse Batswana go tswelela ba sa ipone tsapa mo go tseeng mananeo a nyeletso lehuma go itlhabolola. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Nthabiseng Modise
Location : HATSALATLADI
Event : potsolotso
Date : 10 May 2018






