Breaking News

Dithoto tsa bogodu di a golega

25 Feb 2018

Batswana ba kopilwe go tlogela mokgwa wa go reka dithoto  tse go belaesegang e le tsa bogodu ka seo se gakatsa bogodu jwa dithoto le thekiso ya tsone  tse di tshwenyang thata mo  lefatsheng leno.

Kopo e, e dirilwe ke mookamela mapodisi a  Werda, Superintendent Mompoloki Ramatsia mo potsolosong  le ba BOPA bosheng morago ga gore ba fitlhele banna bangwe ba le barataro ba go belaesegang ba utswile engine  mo polasing  nngwe ya Molopo gaufi le Werda.

Superintendent Ramatsia o ne a tlhalosa fa mapodisi a fitlhetse banna bao ba ba dingwaga tse di fa gare ga masome a mabedi le botlhano go ya kwa go tse di masome a marataro ka engine eo ya modiro wa YARMA PF 90M kwa Keng mo kgaolong ya ga Ngwaketse.

O ne a tswelela ka go tlhalosa fa babelaelwa bao ba tlholega kwa metsing ya Keng, Khakhea le Bray.

Mapodisi ba ne ba ba tshoganyetsa le go  phirimisa maikaelelo a bone a go rekisetsa mongwe mo go bone engine eo.

O  boletse fa engine eo mong wa yone a supile  fa e lopile P20 000 ka nako ya fa e rekwa.

O boletse gore babelaelwa bao ba tlaa lebisiwa molato wa go utswa le go rekisa dithoto tsa bogodu.

Rre Ramatsia o supile fa mo nakong ya gompieno ba santse ba tshegeditse babelaelwa bao  go ba thusa mo ditlhotlhomisong mabapi le tiragalo eo.

E re dikgang di eme jalo, mapodisi a Werda  gape a tshegeditse  monna mongwe wa dingwaga tse di masome a mararo le botlhano go ya kwa go  tse di masome a mane wa Bray mabapi le go thujwa ga marekisetso mangwe  teng kwa motseng oo.

Supt Ramatsia o ne a tlhalosa fa go utswilwe dithoto di akaretsa dipompo tsa metsi,  digo, diphaephe tsa metsi  le tse dingwe tse a supileng fa beng ba madirelo ao  ba ne ba ise ba  itse gore di ka lopa bokae ka nako ya tiragalo.

Mabapi le kgang eo mookamela mapodisi a Werda  o ne a gakolola beng ba marekisetso go thapa badisa dikago ka dinako tsotlhe  go tlhokomela le go sireletsa  dithoto tsa bone go itsa ditiragalo tsa mofuta o. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Cathrine Simane

Location : WERDA

Event : Potsolotso

Date : 25 Feb 2018