Dirisanang le mapodisi - Segotsi
25 Feb 2018
Kgosi Duncan Segotsi wa Mahalapye o kopile morafe wa gagwe go tshwaragana le mapodisi go lwantsha borukutlhi jwa go thujwa ga matlo le madirelo a dikgwebo.
Kgosi Segotsi o dirile kopo e mo phuthegong e e neng e tshwaretswe mo Mahalapye bosheng, e tsenwe ke dikgosi, magosana, mapodisi le maloko a dikomiti tse di itlhaophetseng go thusana le mapodisi go lwantsha borukutlhi.
A re fa Batswana mo dikgaolong tsa lefatshe leno ba ka ikemisetsa go dirisana le mapodisi ka go ba loma tsebe ka badira melato, go thusa ka bosupi mo makgotleng a ditsheko le go emisa go reka dithoto tsa bogodu, borukutlhi jwa go thujwa ga matlo le dikgwebo bo ka nyelela ka ponyo ya leitlho ka jaana go tlaa bo go sena kwa magodu a rekisang dithoto teng.
Kgosi Segotsi a re le ntswa batsadi ba na le tshwanelo ya go otlhaya le go kgalemela bana mo malwapeng, bangwe ba bone ba itlhokomolosa boikarabelo jwa bone ka seipato sa gore ba tshaba go tseelwa dikgato ke mmuso ka go twe ba gataka ditshwanelo tsa bana.
E rile mookamela mapodisi a District No 16, Rre Modisaotsile Bonang a tswa la gagwe, a bolela fa a tlhokisiwa boroko ke borukutlhi jwa go thujwa ga matlo, go thujwa ga dikgwebo, dikotsi tsa tsela, dipetelelo le dipolaano tsa baratani gammogo le batho ba ba ikgapela matshelo.
Rre Bonang a re le ntswa bogodu bo tsweletse ka go golela pele mo Mahalapye, o lebogela tirisano mmogo ya mapodisi le setshaba ka jaana kgaolo ya bone, e e akaretsang Mahalapye, Shoshong, Dibete, Machaneng le Martins-drift e supilwe ke mookamedi wa sepodisi sa Botswana fa e le yone e gatetseng pele mo go nyeletseng borukutlhi.
O tsweletse ka go bolelela batsena phuthego fa e tlaa re mo dikgweding tse di gaofi kampa ya pele ya sepodisi e e ntseng e shafadiwa e simolole go dirisiwa a bo a bolela fa ba setse ba filwe mapodisi a a tlaa direlang mo kampeng eo.
Mongwe wa dibui mo phuthegong eo e ne e le mogolwane wa mapodisi a Mahalapye, Superintendent Isaac Mamadi yo o tlhalositseng fa mo ngwageng wa 2016 ka kgwedi ya Phalane go tsena ka Sedimonthole go nnile le ditiragalo tsa go thujwa ga matlo di le masome a marataro le bongwe fa dikgang tsa go thujwa ga madirelo di kwadisitswe di le masome a mararo le bobedi, mme tsa petelelo di le masome mabedi.
Supt Mamadi o boletse fa mo ngwageng o o fetileng go tsweng ka kgwedi ya Phalane go tsena ka ya Sedimonthole go kwadisitswe dikgang tsa go thujwa ga matlo di le masome a mane le boferabongwe le tsa petelelo di le masome a mabedi le bosupa.
Mme Bathusi Matilapa o tlhalositse mo mafokong a gagwe a tebogo fa a sa itumedisiwe ke batho bangwe ba e leng ba ba ithaopetseng go thusa mapodisi ba a reng go lebega ba dirisana le dirukutlhi le batho ba ba rekisang majalwa pele ga dinako tse di beilweng ka jaana batho ba go nna jalo go se bonolo go ba tshwarwa. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Mojaboswa Jabeng
Location : MAHALAPYE
Event : Phuthego
Date : 25 Feb 2018






