Breaking News

Dikole tsa ithutelo tiro ya diatla di botlhokwa ka di lootsa dikitso mo ditirong

19 Feb 2018

Mopalamente wa kgaolo ya Ngami gape e le mothusa tona wa ofisi ya ga Tautona le bodirela puso, Rre Thato Kwerepe o lebogile puso le lephata la tsa pereko le go tlhabolola dikitso go bo le arabile selelo sa batho ba Tsau sa go direlwa sekole sa ithutelo tiro ya diatla.

Rre Kwerepe a re sekole seo se ya go thusa banana ba ba nang le dikitso tse di farologanyeng ka ditlankana.

O supile fa dikole tsa mofuta o, di thusa go tlhabolola ba ba nang le ditalente mme ba tlhaela ka ditlankana, a tlatsa ka go re sekole seo se rurifatsa talente e batho ba nang le yone.

Rre Kwerepe o kgothaditse banana ba Tsau le botlhe ba ba tlaa tsenang kwa sekoleng seo go se tsena ka tlhoafalo e bile ba seka ba se nyenyafatsa, ka go akanya fa se le mo sekaleng se se kwa tlase ga tsa vocational training centres.

Rre Kwerepe o tlhalositse fa sekole seo se ruta dithuto tse di nang le boleng ka puso e rurifaditse seo.

O ne a rotloetsa banana go se dirisa go lootsa dikitso tse ba nang le tsone mo ditirong tse di tshwana le go suga matlalo, go loga meriri, go betla le tse dingwe tse di rutwang.

Kgosi Ebineng Potsoeng wa Tsau, o lebogile go menagane go bo kopo ya bone e arabilwe morago ga lebaka le fa ba ne ba tlhaloseditswe fa go na le dikole tse dingwe tse dikgolwane tsa diatla mo kgaolong ya Ngami ka bophara.

Kgosi Potsoeng a re sekole seo se a go thusa banana ba Tsau le Botswana jotlhe ka bophara.

O kgothaditse morafe go se tlhokomela ba se ka ba utswa didirisiwa ka seo e tlaa bo e le go busetsa maiteko a puso kwa morago.

Kgosi Potsoeng o gakolotse baithuti go isa dingongorego tse ba ka nnang natso kwa bogoging jwa sekole ba wetse dibete e seng go senya dithoto tsa sekole jaaka go tlwaelesegile kwa dikoleng tse dingwe. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Kedirebofe Pelontle

Location : TSAU

Event : pulo semmuso ya sekole sa ithutelo tiro ya diatla

Date : 19 Feb 2018