Go nwa phetelela go tshwenya bogogi
18 Feb 2018
Boeteledipele jwa Ngware mo kgaolong-potlana ya Letlhakeng bo supile fa bo tshwentswe ke go nowa phetelela ga nnotagi mo motseng wa bone, bogolo jang ke banana.
E rile a bua mo potsolotsong, mokwaledi wa komiti ya ditlhabololo tsa motse oo, Mme Lesego Ndebele a tlhalosa fa go nwa phetelela moo go dira gore bana ba seka ba laolesega.
A re le ntswa bojalwa joo bo rekisiwa kanfa molaong, sebe sa phiri ke gore barekisi ba jone ba reka metswako mme ba fete ba itsenyetse wa bone o o sa kwalwang, e le go dira gore bojalwa joo bo nne bogale thata.
A re bojalwa joo ,jo banni ba motse ba bo bitsang Tipi ya Mokwatla, bo tsaya dioura di se kae fela bo bo bo setse bo siametse go nowa, ka jalo se se dira gore bo nne bo le teng ka dinako tsotlhe.
Mme Ndebele a re nnotagi eo e bolaile banana ba motse mo ba setseng ba sena kgatlhego e e kalo mo go tseyeng mananeo a puso a a ka ba ntshang mo lehumeng, mme a re letshogo la bone e le boeteledipele ke gore tiriso phetelela ya nnotagi e tlaa felela e oketsa borukutlhi mo motseng.
Mme Ndebele o ne gape a tlhalosa fa go nowa ga bojalwa go amile maduo a sekole se sebotlana sa motse ka jaana bangwe banana e le bone batsadi ba bana bao mme ba sa kgatlhegele thuto ya bana ka jaana ba nna ba le mo sediding.
A re go na le makgetho a le mantsi a bana ba tlogetseng sekole ka jaana go a bo go sena kgalemo ya botsadi. Mme Ndebele o ne a supa fa seemo seo se kukediwa ke gore mapodisi a motse oo ga a na koloi le fa e le ditsompelo tsa itshireletso tse ba ka di dirisang fa ba ka tlhaselwa ke banwi kwa dipotong.
E ne ya re a tlatsa, kgosana wa kgotla yoo Selatlho e go bolelwang e le yone e tshabeletsweng ke bothata jwa nnotagi, Rre Nti Kelelekilwe a re seemo seo se gakadiwa ke gore barekisi ba bojalwa ga ba obamele dinako tse di beilweng tsa go rekisa ka jaana ba kgona go rekisa go fitlhelela bosigogare.
A re batho ba kgotlana ya gagwe ba sale ba ikuetse gore mapodisi ba emise thekiso eo, mme go padisa gore mapodisi ga ba na dithata ka jaana bojalwa joo bo rekiswa ka fa molaong.
Rre Kelelekilwe a re banana ba setse ba kgona go lala nageng, mme a re ba tshoga gore boitaolo jo bo tloga bo tsisa dikgang tse ba sa di tlwaelamg jaaka tsa dipolaano tsa baratani.
Kgosi ya motse oo, Kgosi Kgotla Kobelwane le ene o netefaditse fa kgang ya dino e tshwenya mme a re sebe sa phiri ke gore fa a bitsa diphuthego tsa kgotla go tla go kgalema bontsi jwa banana ga bo tle.
A re mo dikgannyeng tse di amanang le nnotagi tse di tlang kwa go ene go di rarabolola, bontsi ja tsone di ama banana. Le fa go ntse jalo, Kgosi Kobelwane o supile fa go le thata go tseela badira melato dikgato ka bontsi jwa ditiragalo di tshwana le dintwa ga di ke di begwa kwa kgotleng mme di felela fela kwa dipotong.
Mo go tse dingwe bogogi jwa motse oo bo ne jwa lela ka matlhoko a motse jaaka tlhaelo ya matlo a bodiredi, go okediwa ga kokelwana ya motse ga mmogo le kago ya ofisi ya sepodisi le sekole se segolwane tse ba reng ba sale ba di solofeditswe. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Olekantse Sennamose
Location : LETLHAKENG
Event : potsolotso\\kgotla
Date : 18 Feb 2018






