Breaking News

Ditlhabololo di tlhoka tshwaragano

13 Feb 2018

Mopalamente wa Molepolole Borwa, Rre Tlamelo Mmatli a re ditlhabololo tsa Molepolole di tlhoka go tshwaraganelwa ke botlhe ntleng le mebala ya diphathi tsa sepolotiki.

Rre Mmatli o buile jaana mo phuthegong ya kgotla e mapalamente a Molepolole ka bobedi ba neng ba e buisa ka Matlhatso.

Phuthego eo, e dikgang tsa yone di neng di remeletse segolo bogolo mo letlhokong la metsi le le aparetseng motse, mopalamente Mmatli o gateletse botlhokwa jwa go rarabolola kgang ya letlhoko la metsi a kaya gore, fa metsi a seyo, sengwe le sengwe se a ema.

Rre Mmatli a re metsi fa a seyo a kgoreletsa ditlhabololo di tshwana le tlhabololo ya ditsha tse disha. Mopalamente o akgotse setlhopa sa banana ba Molepolole ba ba ikemiseditseng go lwantshana le tharabololo ya dikgang tsa letlhoko la metsi.

Rre Mmatli a re banana bao ba seka ba lejwa ka leitlho le sele ka ba se mo letlhakoreng lepe la sepolotiki mme maikaelelo magolo a bone e le go emela ditlhabololo tsa motse wa bone ka dinao.

E rile a bua ka tsela e e ralalang motse, e e neng e tshwanetse go dirwa ka lenaneo la tsosoloso itsholelo, a tlhalosa fa jaanong e tsentswe mo ditogamaanong tsa NDP11.  

Le fa go ntse jalo, a re tsela eo, gammogo le ditlhabololo tse dingwe tse ba neng ba di solofeditswe jaaka kgopho ya metsi a a leswe, diofisi tsa sepodisi le tse dingwe le tsone di tsentswe mo NDP 11.  

O kaile fa tse tsotlhe e le dikgang tse di sa jeseng diwelang ka gore ditlhabololo tsa Molepolole di saletse kwa morago thata.

Fa a tswa la gagwe, mopalamente wa Molepolole Bokone, Rre Mahommed Khan a tlhalosa fa mapalamente oo mabedi ba lekile ka thata go batla ditharabololo tsa metsi a a tlhaelang mo Molepolole.

O tlhalositse fa ba tsweletse ka go buisana le tona yo o lebaneng le ba  Water Utilities gore sengwe se dirwe mo bogautshwaneng mme maduo a tlaa akolwa mo lebakeng le leleele.

A re mo dikgannyeng tse dintsintsi tse di tlhalositsweng e le mabaka a a dirang gore go bo go na le tlhaelo ya metsi jaaka go kgala ga didiba tse di neng di ntsha metsi a mantsi le go tlhoka go gokelwa ga didiba tse thataro tse di emisetsang tse di kgadileng fa go nankolwa di se kae, go kgonnwe dilo dingwe.

A re ba Water Utilities ba dumetse gore e tlaa re monongwaga ka Phukwi ba bo ba kgonne go gokela Thamaga mo phaepheng e e tswang bokone mme se se tlaa dira gore metsi a a neng a sielwa motse oo, a oketse metsi a a tlaa sielwang Molepolole.  

A re ba dumetse gore fa ba santse ba emetse tharabololo ya sennela ruri, go tlaa okediwa ditanka tsa dijojo mo motseng go bo go rekwa dikoloi tse di rwalang metsi go tshela mo ditankeng tseo.

Mopalamente Khan a re ba kopile gore koporase ya metsi e oketse badiri ka gore go na le tlhaelo ya bodiredi e ntsi.

A re motlhang go dirwang kgopho ya metsi a a leswe, ba koporase ya matlo ba dumetse go aga matlo a le masome mabedi le botlhano kwa Mokgopeetsane.  

Le ene o iteetse kobo moroko mafoko a ga Mopalamente Mmatli gore ntleng le metsi, ga gona jaaka motse wa Molepolole o ka tlhabologa e bile Bakwena ba tswa kgakala ba le ka fa mosing mo mererong ya ditlhabololo.

E rile ba akgela, Bakwena ba ne ba ngongoregela go bo motse wa bone o le kwa morago ka ditlhabololo e bile ba lopa gore puso e tlhalose gore ke ka go reng phaephe e e tswang bokone e fapositswe ka go ne go le mo ditogamaanong gore phaephe eo e tsile go nosa motse wa bone.

Bangwe jaaka borre Ofentse Ithuteng o supile fa metsi a a nowang mo Molepolole a le letswai e bile a tletse kalaka.

Ka jalo, o kopile puso gore e dire madirelo a a tlhotlhang e bile a tlhatswa metsi gore batho ba nwe metsi a a siameng.

Mo go tse dingwe, ba-tsaya karolo mo phuthegong eo, ba ngongoregetse gore dirukutlhi di a tshwarwa mme di bo di gololwa ka ponyo ya leitlho mme ba fete ba dire melato e mengwe, ba re go dira jalo go baya matshelo a batho mo diphatseng ka go supa fela fa ba sa babalesega mo dirukutlhing. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Lindi Morwaeng

Location : Molepolole

Event : Phuthego

Date : 13 Feb 2018