Tsamaya ka pula Tautona Khama - Palapye
11 Feb 2018
E rile e tsena tshetlha ya dikgwa ya ga Mmangwato ga re ruuuu! Megolokwane ya lelela boatleng ka bomme ba mateisi a matala le dikojwana tse ditshweu, e le semphete ke go fete fa a gata mo kgotleng ya Palapye morwa Khama.
E rile ba santse ba hakgametse bangwe ba sebaseba ba re, yo o tlang yoo ke mmoloki, mongwe a re ga se mmoloki ke mofenyi, bangwe ba re ke montsamaisa bosigo, ka a tsisitse tumelo, lerato le tsholofelo mo go rona bo esengmang.
E ne e le nnakgolo ya ga Mmangwato e ntse fa gare ga kgotla ya Palapye, e ngunanguna e re yo o gorogang yo ke morwa Khama ka sebelebele, kotla masiela kotla dirojane, le rona bo esengmang re setse re tshwana le batho, fa maru a emelela ga re sa tlhole re tsenya mofalatsamaru mo isong kana re kanamisa dilepe gore pula e seka ya na.
Monnamogolo a palelwa ke go itshwara a re nna khutsanyana ya mogolo kana ke tlhokelang diteme nkabo ka tsone ke go tsatsanka, a gadima balekane ba gagwe, ya re ba mo leba ba re ‘heela monna Ofentse Nzwaligwa o re itsa go bona Tautona, kokobela o nne ’fatshe’.
Ka isa tsebe go utlwa gore a reng.
Rre Nzwaligwa a re, ‘kana ke mongwe wa batho ba ba ka pakang ka mananeo a ga Tautona ka mo malatsing ano ke na le fa ke latsang tlhogo teng, morago ga gore e tshetlha yoora Khama e kuwe mokgosi e re badira le matlho nkgogang, ke nyelellwa ke tshaba,.
A re ya re go rialo dikompone le batho ka bongwe ka bongwe ba utlwa mokgosi, ba ema ka dinao go tsenya letsogo, ka gore Motswana a re ‘fifing go tshwaranwa ka dikobo’.
Rre Nzwaligwa ke mongwe wa ba ba nnileng lesegola go agelwa ntlo ka lenaneo la ga Tautona.
Fa a bua mo potsolosong o ne a ipelafatsa ka Tautona ka jaana a tshuba ka lekotswana, metsi a aga a ntse ka marago, le yone ntlwana a sa tswele kwa ntle.
Ga iphesa Rre Gabaipone Ramogapi a re ‘le rona re lemogile ditiro tsa gagwe tse a di supileng ka go tlotla bagolo, ngwana yo wa ga Khama, o bolokile setshaba seno, ba-na-le bogole, ba-tlhoka pono le batlhoki rotlhe re na le ditshwanelo le seriti se a se re neetseng ka bonno.
Rre Mosimanegape Tapiso o ne a re, ‘pelo tshwaana boela mannong mmatla sa gagwe o se bone’. Boitumelo ya bo e le jo bogolo a re letsatsi le ga ba bolo go le letela, a re fa e ne e le ka ene Tautona o kabo a okelediwa malatsi ka a santse a ikutlwa.
A emelela Tautona Khama a isa malebo. A re lefatshe leno le agetswe mo kagisong le tsamaisiwa ka melao e e lolameng ya kgololesego le tshireletso ya setshaba.
A re puso e diragatsa molao go sireletsa ditshwanelo jaaka molao wa polao o re fa motho a bolaya yo mongwe le rona re a mmolaya.
O ne a galaletsa Batswana a re fela jaaka ba ne ba mo eme nokeng ba dire jalo le mo go Rre Mokgweetsi Masisi gore le ene a tle a kgone go dira tiro ya gagwe ka bokgabane. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Kitso Simon
Location : Palapye
Event : kgotla ya Palapye
Date : 11 Feb 2018






