Ba Lerala Maunatlala ba laela mogaka
11 Feb 2018
E rile Ferikgong a tlhola malatsi a robabongwe matshwititshwiti a banni ba kgaolo ya Lerala/ Maunatlala ba bo ba phuthaganetse kwa kgotleng ya Lerala go laela Tautona Lt Gen. Dr Seretse Khama Ian Khama yo ba mo kaileng fa e le mogaka e bile a dirile ditlhabololo di le dintsi mo kgaolong ya bone.
Dibui ka go farologana ba ne ba leboga Tautona Khama go bo a rutile Batswana mowa wa lerato le kutlwelobotlhoko.
Ba boletse fa Tautona Khama a ne a na le tebelopele ka a ne a direla Batswana mananeo a a farologaneng. Ba boletse fa Tautona Khama a diretse banana, bagolo le batlhoki mananeo a a itebagantseng le bone.
Tona wa tlhokomelo lefatshe, metsi le ditirelo tsa kgopho leswe, Rre Prince Maele yo e bileng e le mopalamente wa Lerala/ Maunatlala o ne a bolela fa banni ba kgaolo ya gagwe ba sa lele ka ba tsile go laela senatla.
A re o na le tsholofelo ya gore tiro nngwe le nngwe e Tautona Khama a ka e fiwang fa a tlogela botautona a tlaa e kgona.
A re le fa e kare Tautona a tlogela tiro a fiwa tiro ya go emela lefatshe leno, o tlaa emela Batswana ka botswapelo ka a na le bokgoni.
Rre Maele o ne a akgolela Tautona Khama go bo e le motho yo o tlotlang molao-motheo e bile a o obamela ka a tswa mo setilong sa boTautona a sa patelediwe ntswa kwa mafatsheng mangwe go na le bangwe ba baeteledipele ba ba sa obameleng molao-motheo wa mafatshe a bone.
O ne a akgola Tautona Khama, a bolela fa e le sekao.
Rre Maele a re Tautona Khama o kgomile dipelo tsa batho ba le bantsi e bile o ne a nonotsha puso ya batho ka batho.
O boletse fa Tautona Khama e le motho wa batho ka a kgona go tlhola Batswana a tsena mo motseng wa bone le fa go le mogote tota.
O ne a akgola Tautona a bolela fa a ne a ruta Batswana gore ba tshwanetse ba tlotle nako, a bolela fa mo nakong e e fetileng nako e ne e tsewa lolea.
Rre Maele a re kgaolo ya gagwe e ne e le mo selelong sa letlhoko la metsi mme mo nakong eno ga se sa tlhole se le teng ntateng ya gore puso ya ga Tautona Khama e ne ya ba segofatsa ka letamo la Lotsane.
A re metse ya kgaolo ya gagwe yotlhe e na le motlakase.
A re Tautona o ne a reetsa kopo ya gagwe ya gore sekole se segolwane sa Moeng se gokelelwe mo letamong la Lotsane mme o itumelela seo.
A re Tautona Khama o tlaa gakologelwa ka dikgang tsa ngwao tse di neng tsa upolola ngwao e e neng e sa itsagale.
O ne a supa fa Tautona Khama a ratwa ke mafatshe a sele a tshwana le Zimbabwe, Kenya le Namibia.
O ne a lebogela Tautona Khama go bo a ne a mo tshepha mme a mo neela maemo a go nna tona.
Moemedi wa badirelapuso ba Lerala/Maunatlala, Rre Mokwadi Botshelo o ne a lebogela Tautona Khama go bo a ne a seka a ntsha badirelapuso mo ditirong ntswa lefatshe leno le ne le gomagomediwa ke go wela tlase ga itsholelo.
O ne a lebogela mananeo a a itebagantseng le badirelapuso a tshwana le la go reka matlo, kadimo ya madi, go letlelela badirelapuso go simolodisa dikgwebo le gone go sa kgaoleng madi a dikamogelo tsa modirelapuso fa a ile go ikoketsa dithuto.
Mopalamente wa pele wa Lerala/ Maunatlala, Rre Thebe Mogami yo o neng e le moemedi wa bagolo ba kgaolo a re Tautona Khama o ne a dira maitlamo otlhe a a neng a a bolela fa a tsaya setilo sa botautona, ka jalo go na le ditlhabololo tse dintsi mo lefatsheng leno.
A re Batswana ba ratile boeteledipele jwa ga Tautona Khama, a bolela fa ba santse ba tshelela mo thokgamong e mo nakong eno e elediwang ke mafatshe a mangwe. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Portia Rapitsenyane
Location : LERALA
Event : Kgotla
Date : 11 Feb 2018






