Breaking News

Monna o fitlhetswe mo petseng

07 Feb 2018

Mogolwane wa mapodise a Shoshong, Superintendent Tawana Tawana, a re monna mongwe wa Tobela yo o ntseng a nyeletse o fitlhetswe mo petseng a tlhokafetse.

Supt. Tawana o boletse mo potsolotsong gore monna yoo, wa dingwaga tse di masome mararo e bile a sa itekanela sentle mo tlhaloganyong o emeletse mo lwapeng Hirikgong a le masome mabedi le boferabongwe, mme a bonwa kgwedi eno e rogwa a setse a tlhokafetse.

A re le fa ditlhotlhomiso di santse di tsweletse, mapodisi ba belaela fa moswi a ka tswa a itatlhetse mo sedibeng ka jaana go fitlhetswe kepese ya gagwe go bapa le sediba.

Rre Tawana a re mapodisi a thusana le morafe ga mmogo le ba lekalana la ditima melelo ba ne ba latedisa lenao la monna yoo, go fitlhelela ba bona kepese ya gagwe go bapa le sediba, mme moragonyana ba utlwa monkgo o o sa tlwaelesegang o tswa mo sedibeng.

A re ka dipelaelo tseo bangwe ba ne ba tsena mo sedibeng, mme ba fithela moswi a kokobetse mo metsing a tlhokafetse. Moswi o boloketswe kwa Tobela ka Sontaga (Tlhakole 4).

Kgosi Kgotlayame Mphoyakgosi o boletse fa ba dumelane le morafe go tswala sediba seo go fitlhelela ba Water Utilities ba kgopha sediba seo ka e le sone se morafe o beileng mo go sone. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Mojaboswa Jabeng

Location : MAHALAPYE

Event : Potsolotso

Date : 07 Feb 2018