Breaking News

Barutabana ba a tlhaela kwa Mokubilo

04 Feb 2018

Modulasetilo wa komiti ya badiredi ba motse (village extension team) wa Mokubilo, Mme Kgothatso Mompati a re ba na le tlhaelo e tona ya bodiredi mo sekoleng se sebotlana sa Mokubilo.

Mme Mompati o ntshitse matshwenyego a bone mo phuthegong ya mopalamente wa Boteti Botlhaba, Rre Sethomo Lelatisitswe bosheng.

Mme Mompati a re ga go na mogokgo le mothusi wa gagwe, a tlatsa ka go re gape ba tlhaelelwa ke barutabana ba le bararo.

O boletse gape gore matlwana a bana a boitiketso a tletse e bile a a tshologa mme bana ba tsweletse ka go a dirisa, a tlatsa ka go re ba tlhaelelwa ke matlo a borutelo le a boroko jwa barutabana.

O kopa gore Matlo a di S1 a tsenngwe ntlo ya boapeelo le ntlwana ya boitiketso.

O supile gore ga go na metsi kwa matlong a boroko a bana ba RADS, a tlhalosa fa go na le tlhaelo ya dijo mme e bile tse di leng teng  di sa siama di na le tshupa.

A re gape ga go na dibuka mo sekoleng.

Kgosi Botshabelo Dijeng wa Mokubilo o ne a kopa gore lephata la makgotla a Setswana  le fiwe madi a mantsi ka gore  le tlhaelelwa ke ditlamelo.

Kgosi o ne a kopa gore bokgosi  ba tsenngwe mo dipensheneng le fa gantsi ba tsena  mo tirong ba setse ba godile.

Mogolwane wa mapodisi a Mokubilo, Seargent Lesego Kotlhao a re ba a tlhaela gape ga ba na ofisi le boroko.

Seargent Kotlhao a re difensetere tsa ofisi e ba e dirisang ga di tswalege le lebati le sule, a supa fa seemo se se sa siama ka jaana  dipampiri tsa melato tse di mo teng di ka tsewa ke phefo.

O boletse gape gore kgang ya koloi e e amoganwang  ke metse e le mene e ba berekisa bokete ka ga ba kgone go tsibogela dipego ka bofefo.

Rre Kotlhao a re o sale a tsena kwa Mokubilo ka 2015 a nna mo ntlong e e senang motlakase go fitlhelela gampieno .

Modulasetilo wa komiti ya bagodi, Mme Tshimologo Masilo ene a re bagodi ga ba na kwa ba amogelela teng ba tlala mo kgotleng ba kgoreletsa badiri ba kgotla.

Mme Masilo a re ba sale ba kopile gore poso e  tsenngwe terata gore ba kgone go amogelela mo go yone.

Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse (VDC) Rre Pini Gaorapelwe o tlhalositse gore mananeo a Ipelegeng a tsweletse  sentle.

A re  le fa ba okeleditswe dipalo go santse go sa lekana ka gore banni ba tshela ka lenaneo le.

O ne gape a ngongorega ka tsamaiso ya tshekatsheko ya ba lephata la boipelego a re ba kopa gore ba tle go tlhalosa le go dira tshekatsheko e e tseneletseng.

O boletse fa ba na le dingwaga di le pedi balwetse ba sa bonwe  ke ngaka, a kopa gape gore ba  atolosediwe kokelwana.

Mongwe wa banni ba motse, Rre Dendo Masungwa  o ne a leboga barutabana ba sekole se sebotlana  sa Mokubilo go bo ba ntshitse  di A di le thataro mo maduong a lekwalo la bosupa.

Rre Masungwa a re lenaneo la P10 million ga ba rerisiwe sepe ka lone.

Mme Boitshwarelo Masole a re go sale go twe  kokelwanwa ya bone e tlaa bereka bosigo le motshegare, a tlhalosa gore baoki ba bereka bokete ka gore ba isa balwetse kwa Letlhakane kgapetsakgapetsa.

Mme Masole a re go ne go twe ba ka lemolola masimo mariga ba bo ba  duelwe jaanong  ga ba duelwe sentle go twe madi a fedile.

E rile a leboga, mokhanselara wa Mokubilo/Mmea, Rre Phangi Resetse a ne a supa fa seemo sa sekole se segolwane sa Makgadikgadi JSS  se sa jese diwelang.

A re bana ga ba je sentle, boroko le jone ga bo a babalesega, a tlatsa ka go re kgaolo e tlhoka sekole se sengwe. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kefilwe Selotlegeng

Location : MOKUBILO

Event : Phuthego ya Mopalamente

Date : 04 Feb 2018