Breaking News

Mapodisi ba tshwenngwa ke go thujwa ga matlo

29 Jan 2018

Mookamela  mapodisi a Woodhall mo  Lobatse Superintendent Moses  Kwarare a  re  ba tshwenngwa thata ke go thujwa ga matlo bosigo mo kgaolong.

Superintendent   Kwarare o buile jalo mo potsolotsong le BOPA  a re mafelo a a amegileng  ke PWD, Maipei, Botoka, Woodhall  le Pitikwe, mo a reng go supa  magodu ao a thuba a batla di-plasma  tv, jalo a tlhagisa morafe go nna ba tswetse mabati a  matlo, a bone le diokomelabangwe gore go seka ga nna bonolo gore motho yo o kwa ntle a bone  gore go na le eng mo ntlung.

O gakolola gore matlo a ne a lotlelwa a na le batho, fa go tsamaiwa kana go iwa maitisong.

Mo   go tse dingwe Superintendent Kwarare a re go thubilwe   ofisi   ya ditsela le dipalamo mo Lobatse morago ga gore magodu ao a bofe modisadikago mabogo le maoto ka dikgole tsa ditlhako, mme ba ya go mmaya kgakajana le ofisi.

Superintendent Kwarare a re magodu ao go bolelwa  e le borre ba bane ka palo,  tota  maikaelelo a bone  e ne e le go thuba  ba tsaya madi mme ba palelwa ke gone go bula mabeelo ao a

madi (safe) mme ba seka ba  kgona  go tsaya sepe.
A  re go botlhokwa gore badisa dikago ba tlholwe fa ba le mo tirong ke bagolwane ba bone  gape go  tlhokega gore ba bo ba le babedi kgotsa go feta, a tlatsa ka go re tiro e ba e berekang e, e diphatsa fela thata. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Grace Sebape

Location : LOBATSE-

Event : Potsolotso

Date : 29 Jan 2018