Makgotla a Setswana a tlhaelelwa ke didirisiwa
29 Jan 2018
Diofisi tsa makgotla a Setswana mo Mahalapye di tlhaelelwa ke didirisiwa.
Seemo seo se senogile mo diphuthegong tse di tsweletseng tsa mopalamente wa Mahalapye Bophirima, Rre Joseph Molefe.
E rile a tsibogela matshwenyego a a ntshitsweng ke dikgosi, dikomiti tsa ditlhabololo tsa motse le morafe, Rre Molefe o supile fa e le boammaaruri ba tlhaelelwa ke didirisiwa tsa diofisi, segolo bogolo ditilo le ditafole. A re seemo seo, se ka nna sa kgoreletsa tiro ya makgotla a Setswana, ka jalo a ba tshephisa gore o tlaa ikopanya le tona wa lephata la dikgaolo le tlhabololo magae, Rre Slumber Tsogwane go tswa ka maano a go tokafatsa seemo se.
Kwa kgotlaneng ya Bokaa, Kgosana David Rathipana o ne a ikuela mo go mopalamente go thusa go fokotsa letlhoko le. Le fa go ntse jalo, Rre Rathipana o akgotse morafe ka go tswelela ba dira ditiro tsa ditlhabololo mo kgotlaneng jaaka kago ya diofisi le leobo.
Mopalamente o tsweletse a rotloetsa le go gakolola morafe wa Mahalapye ka mosola wa go tsena diphuthego tsa kgotla.
A re ba tshwanetse ba tlhaloganye gore morero ope fela o o amang ditlhabololo le tsotlhe tsa matshelo a bone di direlwa mo makgotleng a Setswana. Rre Molefe a re go dira jaana ke mokgwa wa go direla dilo mo pontsheng le gore mongwe le mongwe a nne le seabe mo go sepe fela se se dirwang go tokafatsa matshelo.
Rre Molefe o gateletse seabe sa morafe mo go diragatseng mananeo a ditlhabololo, a tlatsa ka go re ditiro tsotlhe tse di dirwang tsa ditlhabololo di simolotse ka morero mo kgotleng.
Mopalamente a re megopolo e e tswang mo setshabeng e thusa gore ba direlwe ditlhabololo tse di itebagantseng le letlhoko la bone.
Kgosana Othogile Motswakwa ene a re o tshwenngwa ke gore morafe wa kgotlana ya gagwe o ngosela go tsena dihputhego. Rre Motswakwa o supile gore ga go monate go fitlhela e le gore bontsi jwa batho ba ba tsenang diphuthego ke badirelapuso le maloko a dikomiti tsa motse ka go farologana. Go tla thari mo diphuthegong tsa kgotla le gone go tshwentse thata Kgosana Motswakwa.
Kwa Xhosa 2, Kgosana Benjamin Nchingane le ene o buile a sa kgwe mathe ka tlhaelo ya didirisiwa mo makgotleng a Setswana.
Kgosana Nchingane a re le fa morafe le one o na le dikgwetlho tsa botshelo tse di tlhokang madi, boammaaruri ke gore o dira ka natla go tsenya letsogo mo ditirong tsa go tlhabolola kgotlana ya one.
Modulasetilo wa khansele-potlana ya Mahalapye, Rre Tassman Cebani o tshwentswe ke gore morafe o tsweletse ka go loba dikgang tse di ba tshwenyang ba emela diphuthego tsa Mopalamente mme go na le bodiredi jwa khansele le ofisi ya ga molaodi go ba thusa. Rre Cebani o gakolotse morafe le dikomiti tsa ditlhabololo tsa motse go dirisa makhanselara le bodiredi go bona tharabololo ya dikgang. A re ba ba sa kgotsofalelang thuso e ba e filweng ke bodiredi ba tshwanetse ba ikopanye le ofisi ya ga mokwaledi le modulasetilo. Rre Cebani le ene o ne a gatelela botlhokwa jwa kgotla a re morero le therisano di direlwa teng ke morafe le boeteledipele.
Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo e e akaretsang dikgotlana tsa Bokaa, Xhosa 2, Mowana 1 le Mowana 2, Rre Bazuka Baatweng o ne a supa mo pegong ya gagwe gore bangwe ba ba ntseng ba thusiwa ke khansele ka dijo ba kgaotswe mo lenaneong leo morago ga tshekatsheko ya bosheng. Ka jalo, Rre Baatweng a re ga ba dumalane le tshwetso ka gore bangwe ba batho ba ba kgaotsweng ga ba a nonofa go ka bereka gore ba kgone go itshetsa.
Bangwe batsadi ba ne ba ngongorega ka go re ba na le ba-na-le bogole le batsadi ba ba godileng ba sa kgone go itirela ka mabogo mo malwapeng mme ga ba thusiwe ke puso ka mananeo.
Mokhanselara wa Mahalapye Bokone, Mme Julia Miranda le ene o gateletse go re go a tshwenya go bona batho ba sa thusiwe ka nako ka mabaka a gore ba nyafala go kopa thuso. A re boeteledipele ga bo je monate go bona ka dinako tsotlhe dingongorego tsa go tlhoka go thusiwa kana go thusiwa sentle e le tsone di etelelang pele diphuthego tsa kgotla.
Mme Miranda a re dikgang tse di amang makalana a khansele jaaka la boipelego le a mangwe a puso a a nang le diofisi mo Mahalapye di tshwanetse tsa fiwa mopalamente e le gore di paletse ba ba leng teng mo diofising kana mongwe a sa thusiwa sentle. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Moshe Galeragwe
Location : MAHALAPYE
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 29 Jan 2018






