A Moretlwa o lele - mopalamente
28 Jan 2018
Mopalamente wa Kanye Borwa, Rre Abram Kesupile, o sa tswa go dumalana gore banana ba ba ntseng ba tlhakaladitse ba tlhorontsha batho ka go ba gobatsa le go ba utswela mo Kanye ba ipitsa Matsayakankane ba lelelwe ke moretlwa.
O buile jalo fa a ne a buisa phuthego ya kgotla kwa kgotleng ya Mongala mo Kanye ka Labone.
O dumalane jalo morago ga gore morafe o bolele fa thupa e ntse e lelela boatleng mme sebe sa phiri e le gore bangwe batsadi ba fitlha bana ba ba senyang.
Rre Kesupile o boletse fa tiro eo e le kgolo thata ka gore ba sireletsa setshaba sa kamoso se se tshwanetseng go nna boikanyego.
A re lore lo ojwa lo sale metsi, ka jalo thulaganyo eo e tshwanetse ya tswelela, dikgosi le dikgosana di tshwanetse go ema ka dinao.
Banni ba ne ba bolelela mopalamente gore ba ntse ba sokodisiwa ke banana, bogolo jang ba ba neng ba fetsa lokwalo lwa botlhano le lwa boraro.
Morafe o ne wa itela kwa go kgosikgolo Malope II gore bana ba ba apesitse kobo ka letshoba, mme a laola gore a moretlwa o lele go inolwe kgaolo mo borukutlhing joo, jo bo ka senyang Kanye.
Mo dikgannyeng tse dingwe, Mopalamente Kesupile o boletse fa a ngongorega ka bodiredi jwa khansele ya Borwa, a bolela fa ba le maoto a tshupa go lere ditlhabololo mo kgotleng ya Mongala.
O boletse fa madi a LG 1109 a ntshiwa ngwaga le ngwaga go tlhabolola dikgaolo.
A re madi ao ga a a tshwanela go boela kwa pusong gape, a tshwanetse go tlhabolola ka tlhoafalo.
O buile ka molao wa matimela o o sa tswang go buisanngwa kwa palamenteng, o shafadiwa.
Fa ba akgela ka molao wa matimela ba ne ba bolela fa ba sa dumalane le one.
Ba re puso e batla go ba humanegisa.
Ba re bogologolo matimela a ne a phuthwa ke mophato wa kgosi.
Ba re ba ne ba latela matimela kwa merakeng le masimo.
Le fa go ntse jalo, mogokaganyi wa temo- thuo mo kgaolong ya Borwa, Mme Monia Mfolwe o boletse fa temo monongwaga e le kwa tlase ka pula e le boutsana mme nako ya letsema e setse e wetse mo kgaolong ya Borwa.
O kgothaditse balemi gore fa pula e ka na mo bogautshwaneng ba leme mabele le dinawa ka di le bogadi bo gaufi ka dinako tsa leuba.
A re mmidi one ba seka ba o lekeletsa e bile ba ba setseng ba phakile peo ya mmidi ba ka ananya ka mabele.
O boletse fa balemi bangwe ba phaka menontshane mme ba e tlogele mo dipuleng ba sa e dirise le mororo puso e o rekile boturu.
O boletse fa go tlhoka go dirisa menontshane morago ga go e phaka e le borukutlhi.
E ne e rile go le pele kgosana yoo ra Mongala, Kgosi Tshegofatso Mere a bolela fa pina ya setshaba e tshwanetse go tlotlwa, batho ba e itse, ba eme fa e opelwa.
O ngongoregetse morafe gore ga o tsene diphuthego tsa kgotla le fa kgosikgolo a bitsa.
A re diphuthego di tsenwa ke batho ba ba berekang Ipelegeng fela fa ba golotswe kwa tirong.
O boletse gape fa kgosikgolo a tlaa kua mophato ka Seetebosigo, mme go batlwa banna ba dingwaga tse di simololang ka 1976 go tsena 1980.
O buile gape gore kgosikgolo o ngongorega ka ditseo tsa malatsi ano, a bolela fa di dule mo ngwaong ya Sengwaketse.
O ne a ba a bolela ka dikgang tse di mmalwa tse di amang Bangwaketse di ne tsa rolwa ke kgosikgolo bosheng kwa kgotleng e tona, a ba a bolela fa Tautona a tlaa tla mo Kanye mo bogaufing go tla go laela.
Kgosi Mere o kopile gore ba mmaakanyetse fela jaaka ba metse e mengwe ba dira. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Tshiamiso Mosetlha
Location : Kanye
Event : phuthego
Date : 28 Jan 2018






