Breaking News

Banni ba Struizendam ba setse mo logoeleleng

25 Jan 2018

Banni  bangwe ba Struizendam mo Kgalagadi Borwa ba iphitlhetse ba le mo logoeleleng morago ga gore pula ya matlakadibe ya diphefo  tse di mashetla le sefako di bake tshenyo e ntsi mo motseng le kwa sekoleng.

Go ya ka mogokgo wa sekole se sebotlana sa motse oo, Mme Dzene Mannathoko mo puisanong le ba BOPA bosheng, tiragalo eo e diragetse ka Mosupologo mo maitseboeng.

Mme Mannathoko a re marulelo a matlo mangwe a borutelo a gosomane, matlhabaphefo a senyega ga ba ga rutlologa leobo la kgotla.

A re pula eo e nele ka bontsi mo nakong e khutshwane.

O supile fa morutabana a le mongwefela e le ene a boneng dikgobalo tse dipotlana mo leotong a sena go segwa ke digalase tsa matlhabaphefo.

Le fa go ntse jalo, o kaile fa tshenyo eo e sa kgoreletsa baithuti go tsweledisa dithuto ka matlo a mangwe a ne a sa amega.

Mmaboipelego wa motse oo Mme Mokgabo Seageteng o boletse  fa pula eo e dirile tshenyo e tona ka batho bangwe mo motseng ba sena le fa ba latsang tlhogo teng morago ga gore matlo a supa a rutlololwe ke pula.

Mme Seageteng a re tiraglo eo ke poelo morago mo banning ba Struizendam  ka  e le mongwe wa metse e e  kgakala thata le ditlamelo le gore bontsi jwa bone ba ’kobo dikhutshwane e bile ba tlhokomelwa ke khansele.

A re matlo a mabedi mo go a a supang a senyegile thata le dithoto mme a re ka nako ya pego ba ne ba ise ba kale selekanyo sa tshwenyo.

Mme Elizabeth Bok o ne a supa kutlobotlhoko a kaya fa go tlaa tsaya lobaka go baakanya ntlo ya batsadi ba gagwe ka ba ne ba thusiwa ke khansele ka lenaneo la SHHA  le gore tshepo yotlhe ba tlaa e baya fela mo go Ramasedi.

Fa a akgela mabapi le tshenyo eo, molaodi wa Kgalagadi, Rre Rapetse Mathumo o boletse fa ba ofisi ya gagwe ba setse ba dirile ditshekatsheko tse mo go tsone botlhe ba ba amegileng  ba potlaketsweng go thusiwa ka ditente ke ba ofisi ya gagwe le go thusiwa ka dijo lobaka lwa dikgwedi tse tharo ke khansele.  

Rre Mathumo o ne a tlhalosa fa ba khansele ba tlaa thulanya ditlhogo go bona ka fa sekole se ka baakanngwang ka teng mo lobakeng lo lo sa fediseng pelo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Catherine Simane

Location : STRUIZENDAM

Event : Puisano

Date : 25 Jan 2018