Baithuti ba tlhakaladitse ka go senya
25 Jan 2018
Mogokgo wa sekole se segolwane sa Tsabong Unified, Rre Kooagile Gabonthone o ikuetse mo batsading go kgalemela bana mabapi le tshenyo e ba e dirang mo dikagong tsa sekole seo se e bileng se sale sesha.
Rre Gabonthone o ikuetse mo phuthegong ya batsadi le barutabana ya kamogelo ya baithuti ba mophato wa ntlha mo sekoleng seo ba ba leng makgolo mararo le metso e fera bobedi bosheng.
O ne a kopa batsadi go bopa, go aga le go kgalemela bana go nna le tlotlo, botho le maitseo mo setshabeng go simologa fela kwa malwapeng ka seo se ka thusa mo go tlhofofaletseng barutabana tiro kwa dikoleng.
Rre Gabonthone o boletse fa puso e dirisitse P500 million mo kagong ya sekole seo a bo a re go a swabisa gore baithuti ba bo ba setse ba simolotse go senya mabati, matlhabaphefo le tse dingwe, a kaya fa seo e le poelo morago ka jaanong go gwetlha gore dipaakanyo di dirwe.
Mogokgo o kaile fa gape ba tshwenngwa ke boimana jwa baithuti jo bo kekelang mo sekoleng seo, a supa fa ka 2016 go imile basetsana ba le barataro mme ngogola palo eo e godile go ya kwa go lesome le bobedi.
Rre Gabonthone o ne a supa batsadi bangwe ka monwana a tlhalosa fa ba sa tlhokomele bana ka nako ya dikole di tswetswe, selo se a reng se rurifaditswe ke baithuti bangwe ba ba tswang magaeng ba tla ba imile.
Rre Gabonthone gape o boletse fa dikgang tsa bogodu jaaka go utswela bana ba bangwe dilwana mo sekoleng seo tsone di wetse tlase ka ntlha ya tshwaragano ya sekole le mapodisi a Tsabong.
A re mapodisi a ne a ema ka dinao go kokobetsa seemo seo.
Mabapi le maduo a bana, Rre Gabonthone a re barutabana ba ipapanne go tlhomamisa gore baithuti ba dira go kgotsofatsa mo dithutong.
A re ba bereka mmogo le boeteledipele jwa kgaolo le bogogi jwa lephata la thuto ka maikaelelo a go ntsha maduo.
Rre Gabonthone a re thuto ke yone selotlolo mo go betleleng bana bokamoso jo bo siameng, a tlatsa ka go re baithuti ba gompieno ke bone baeteledipele ba lefatshe leno ba kamoso.
Fa a tswa la gagwe, mothusa mogokgo mo sekoleng seo, Rre Kabelo Mosenke o ne a kgothatsa batsadi go tsaya boikarabelo ka go nna le seabe mo dithutong tsa bana ba bone le gone go etela kwa dikoleng go tlhola gore bana ba bone ba tlhoafaletse dithuto go le kae go na le go baya mokgweleo otlhe fela mo barutabaneng.
Rre Mosenke o ne a tlhalosetsa baphuthegi ka pharologanyo ya maduo le dithuto gammogo le tse di itlhophelwang ke moithuti go simolola ka mophato wa ntlha go ema ka wa botlhano.
Mongwe wa barutabana yo o itebagantseng le tsa madi, Mme Wame Ratau o ne a kopa batsadi go thusa puso go duelela baithuti bontlha bongwe jwa madi a dithuto, madi a ditlhabololo le a matlwana a boitiketso nako e sale teng go tila go nna le melala.
Bontsi jwa dibui mo phuthegong eo fa ba a kgwa dikgaba barutabana ba ne dumalana ka bongwefela jwa pelo fa bana ba tshwanelwa ke go tsenngwa mo tseleng le gone go ela tlhoko metsamao ya bone go itsa dikgang tsa botlhokatsebe di akaretsa tsa boimana, go nwa majalwa, go sasankega masigo le tse dingwe. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Catherine Simane
Location : TSABONG
Event : Phuthego
Date : 25 Jan 2018






