Breaking News

Diphuthego di lelela kwa Modimong

25 Jan 2018

Baphuthegi ba dikereke tsa Kgalagadi Borwa e rile bosheng ba phuthaganela kwa Maubelo kwa ba neng ba tsholeletsa matlho a bone kwa legodimong ba kopa Modimo go emisa dipolaano tsa baratani tse di golelang pele mo lefatsheng leno.

Modulasetilo wa lekgotla la baruti mo Kgalagadi Borwa, Moruti Obakeng Baumake a re ba ngomolwa dipelo ke dikgang tsa dipolaano tse ba di utlwalelang ka metswedi ya dikgang mo e bileng ba setse ba tshelela mo poifong.

Moruti Baumake a re bontsi jwa ditiragalo tseo, tse di akaretsang kgokgontsho, petelelo le go bolaya go utlwala fa di bakwa ke banna.

A re dikgang tseo di tlhabisa Botswana ditlhong mo ditshabeng tse dingwe.

Rre Baumake yo gape e leng moruti wa kereke ya Apostolic Faith Mission a re moono wa  bone e le ba lekgotla la baruti mo ngwageng ono ke go dira pharologanyo ka thapelo ba kopa Modimo go emisa masula ao a a gomagometsang go nyeletsa kagiso le thokgamo e lefatshe leno le itsegeng ka yone.

A re ba kopane e le diphuthego go simolola 2018 ka thapelo.

Moruti Baumake a re gape ba lebanwe ke dikgwetlho di tshwana le tlhakanelo dikobo le bana ba dingwaga tse di kwa tlase, segolo thata ba basetsana, nnotagi, boimana jwa bana ba dikole jo bo bakwang ke go okwa ke banna ba bagolwane, malwetse, dikotsi tsa tsela, thekiso ya ditagi, bogolo  jang motokwane gareng ga tse dingwe.

Le fa go ntse jalo, o ne a gakolola bomme le basetsanyana go itlotla  ka go apara diaparo  tse di sa senoleng mebele  ya bone, selo se a reng se ka fokotsa  dikgang tsa petelelo.

Moruti Puisano Tsintsabe  wa kereke ya UCCSA mo Tsabong e ne ya re a ntsha la gagwe la kgothatso a  nopola mafoko  a a boitshepo mo lokwalong lwa ga Genesi wa ntlha temana ya ntlha go ema ka ya botlhano.

A re temana eo e ba ruta gore lefoko la Modimo le na le maatla ka jaana kwa tshimologong Modimo o ne a tlhola legodimo le lefatshe ka lefoko fela.

Ka jalo a re go itsetsepela ka lefoko la Modimo go ka dira pharologanyo mo diemong tsotlhe tse ba kopanang le tsone mo matshelong a bone e le setshaba.

E re dikgang di eme jalo, baphuthegi  ba ne ba rapelela Tautona Lt Gen. Dr Seretse Khama Ian Khama le go mo lebogela maiteko a gagwe a go tlhabolola  matshelo a Batswana ka mananeo a a farologanyeng  le go mo eleletsa boikhutso jaaka a tlaa bo a tlogela tiro.

Gape ba ne ba eleletsa Rre Mokgweetsi Masisi yo o mo tlhatlhamang masego le katlego.

Kgosi Ntau wa Maleshe ene o ne a gakolola batsadi go tsamaya le bana kwa dikerekeng gore ba tle ba kgone go ithuta lefoko la Modimo ba sa ntse ba le bannye ba tle ba gole ba boifa Modimo, a tlatsa ka go re, ‘poifo Modimo ke tshimologo ya botlhale’. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Catherine Simane

Location : TSABONG

Event : Phuthego

Date : 25 Jan 2018