Breaking News

Baithuti ba tlaa sutela ditlhabololo

25 Jan 2018

Baithuti ba sekole se sebotlana sa Seingwaeng ba tlaa fudusediwa kwa Kgatleng Brigade go sutela ditlhabololo.

Mokwaledi wa tsa thuto mo Khanseleng ya Kgatleng, Mme Bophelo Mokgethi o buile mo phuthegong ya batsadi le barutabana bosheng.

Mme Mokgethi a re sekole sa Seingwaeng se tlaa tlhabololwa ka lenaneo la go tokafatsa itsholelo (ESP) mme ba bone matlwana a burutelo ale mane kwa sekoloeng sa ithutelo tiro ya diatla.

O ne a tlhalosetsa batsadi fa ba bone go tshwanela gore bana ba fudugele kwa Brigade go ba tidisa diphatsa fa kago e ntse e tsweletse ka tshireletsego ya bone e le botlhokwa le gore ba seka ba itewa tsebe ke modumo wa didirisiwa.

Mothusa mogokgo, Mme Pauline Mogaga o supile fa a itumeletse dipalo tsa batsadi ba ba neng ba tsile phuthegong, a re se se supa fa ba ikemiseditse go nna karolo ya thuto ya bana ba bone le go itse se se diragalang mo sekoleng.

Mme Mogaga o supile fa sekole sa Seingwaeng se tsweletse pele ka go gatisa maduo a mantle mo ditlhatlhobong tsa lekwalo la bosupa.

A re o tlala ka boitumelo go begela batsadi gore sekole sa gagwe se mo maemong a bone mo kgaolong ya Kgatleng ka 80 per cent.

O ne a tlhalosetsa batsadi gore e re le ntswa ditlhabololo di tsile go ama thuto ya bana, ba tlaa tswelela ba bereka ka natla go ntsha maduo a a kgatlhang le go tswelela ba godisa serodumo sa Seingwaeng.

Modulasetilo wa komiti ya batsadi le barutabana, Rre Wilfred Lebekwe o supile fa ba amogela ditlhabololo tse khansele e di tsisetsang sekole se.

Rre Lebekwe o ne a kopa batsadi gore ba simolole go tlhokomela bana ka ba tlaa bo ba fudugela kwa lefelong le go nang le motsamao wa batho o montsi mme o ne a ba kopa gore ba ise bana sekoleng go ba hemela mo dikotsing tsa dikoloi.

O ne a gwetlha batsadi gape go netefatsa fa bana ba bone ba tlwaela lefelo la sekole le le sha.

Mme Bame Dikgale, mongwe wa batsadi o ne a supa fa a amogela ditlhabololo tse di tlaa dirwang mo sekoleng mme a supa fa ba dumalana gore mophato wa bana ba bangwe o fudusiwe e le tsela nngwe ya go fokotsa mosuke mo matlwaneng a borutelo.

“Re batla bana ba rona ba rutelwa mo lefelong le le phepa fa ba tlaa sekeng ba itewe tsebe ke sepe teng.”

Ditlhabololo di tlaa simolola Tlhakole a tlhola ga tlhano mme go solofelwa gore di fele ka Seetebosigo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Malebo Rakanyane

Location : MOCHUDI

Event : Phuthego

Date : 25 Jan 2018