JCI e rutuntsha bagwebi ba babotlana
25 Jan 2018
Bagwebi ba babotlana mo kgaolong ya Kgalagadi Borwa ba gakolotswe go tlhopha dikgwebo tse di farologaneng fa ba direla mo lefelong le le lengwe go itsa gore ba tloge ba tlhoke bareki kgwebo e bo e phutlhama.
Mafoko a a builwe ke mogwebi wa khamaphani ya Don View, Rre Donald Koogotsitse mo thutopuisanyong e e neng e rulagantswe ke ba Junior Chamber International (JCI) mo Tsabong bosheng.
Rre Koogotsitse o kaile fa khamphani ya gagwe e itebagantse le go thusa bagwebi go tsamaisa, go bapatsa le kwadiso semmuso ya dikgwebo gore fa ba kopa ditiro ba bo ba na le tsotlhe tse di tlhokafalang.
Rre Koogotsitse o ne a tlhalosetsa bagwebi ka fa ba tshwanetseng go bapatsa le go rekisa dikgwebo tsa bone ka teng go akaretsa le ka fa ba tshwanetseng go itshwara ka teng go thusa go godisa dikgwebo.
O gateletse gore go botlhokwa gore motho a itlhophele dikgwebo tse a ka kgonang go di tsamaisa e bile a na le lorato mo go tsone ka e le tsone tse di ka tokafatsang botshelo le gone go tlhamela ba bangwe ditiro.
A re dingwe tse di godisang dikgwebo tsa bone di akaretsa dipatlisiso tse di tseneletseng, go bala, go etela dikgwebo tse dingwe go ithuta, le gone go tsaya malebela mo go ba ba atlegileng mo kgwebong.
Fa a rola maikaelelo a dithuto tseo, moeteledipele wa JCI, Rre Innocent Thukwi a re konokono ya tsone ke gore bagwebi ba buisane ka dikgwetlho tse ba kopanang le tsone, tshimolodiso ya dikgwebo tsa banana, go tla ka maele a go ipapatsa le gone go phadisana, go abelana dikitso, go kwatabolotsa mo go ba bangwe le go itsana e le bagwebi.
Mogolwane go tswa kwa Botswana Unified Revenue Services kwa Gaborone, Rre Obakeng Khumo ene o tlhaloseditse bagwebi fa go le botlhokwa go duela lekgetho.
A re lephata leo le simolodisitswe ka 2004, le neetswe boikarabelo jwa go phutha le go tlhomamisa gore badiri ba puso le dikhamphani ba duela lekgetho kgwedi le kgwedi.
Rre Khumo o tlhalositse fa mmereki mongwe le mongwe wa puso a duedisiwa lekgetho la 25 per cent fa madi a kamogelo a gagwe a feta P3 000 ka kgwedi fa ba dikgwebo tse di mo Botswana bone ba lefisiwa 22 per cent.
O boletse fa mogwebi a ka emelwa sebaka sa dingwaga tse tlhano fa kgwebo e sa dire sentle mme e re e sena go ipaakanya ba simolole go tsaya lekgetho la dingwaga tseo le go tswelela ba duedisa kgwedi le kgwedi.
Rre Khumo o gateletse fa go le botlhokwa go duela lekgetho ka jaana puso e dirisa madi ao go dira ditlhabololo.
Dithuto tseo di ne di rulagantswe ke JCI. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Catherine Simane
Location : TSABONG
Event : Thuto Puisano
Date : 25 Jan 2018






