Mapodisi a tlhotlhomisa dikotsi
24 Jan 2018
Mogolwane wa mapodisi a Moshupa, Superintendent Oteng Ngada a re mapodisi a Moshupa a mo ditlhotlhomisong mabapi le loso lwa rre mongwe wa dingwaga tse di masome a supa le borataro wa kgotla ya Jerusalema kwa Moshupa yo e rileng bosheng a thulwa ke koloi mme a tlhokafalela gone foo.
Superintendent Ngada o buile se mo potsolotsong le BOPA ka Labobedi, a re rre yoo wa mogodi, o thudilwe ke koloi a leka go kgabaganya tsela mo tseleng e tona e e ralalang Moshupa, a tlhalosa fa tiragalo eo e diragetse magareng ga nako ya lesome le ya lesome le motso bosigo ka Labone wa beke e e fetileng.
Superintendent Ngada o tlhalositse fa mokgweetsi wa koloi eo a sa tshwarwa ka a ne a seka a ema morago ga tiragalo eo, mme a inaya naga.
Superintendent Ngada o tlhalosa fa monna mongwe wa dingwaga tse di masome mane le boferabobedi le ene a ne a tlhokafalela gone foo mo tseleng ya Lotlhakane West/Moshupa, morago ga gore koloi e a neng a tsamaya ka yone e latlhegelwe ke taolo e bo e menoga, mme a tlhokafala gone foo. A re monna yoo o ne a tswa kwa Thamaga.
O tlhalositse fa ditopo tsa baswi bao ka bobedi di le mo setsidifatsing sa Thamaga go tla go tlhatlhojwa ke ngaka mme morago di neelwe ba masika go di boloka.
Superintendent Ngada a re o ikuela mo bakgweetsing go kgweetsa ka lebelo le le lekaneng mo gare ga motse, a kopa le batsamaya ka dinao go nna kelotlhoko fa ba kgabaganya tsela, go hema dikotsi tsa mofuta o. O tlhalositse fa a tshwenngwa ke gore e rile bosheng e ntse e le kwa Moshupa mogodi mongwe wa dingwaga tse di masome a supa le motso a ne a thulwa ke koloi mme a tlhokafalela gone foo. BOPA
Source : BOPA
Author : Kenanao Ntsimane
Location : KANYE
Event : potsolotso
Date : 24 Jan 2018






