Ba Mmadikola ba lela ka motlakase
24 Jan 2018
Banni ba Mmadikola mo kgaolong ya Boteti Bophirima ba ngongorega ka motlakase o o kgaogantseng motse wa bone ka bogare.
Banni ba ngongoregile mo mopalamenteng wa bone, Rre Slumber Tsogwane yo o neng a buisa phuthego ya kgotla kwa motseng oo bosheng.
Ba re ba sale ba solofeditswe gore selelo sa bone se tlaa tsibogelwa ka bofefo nako kgolo.
Mongwe wa banni, Rre Mompoloki George a re ba ne ba solofeditswe gore e tlaa re mo ngwageng wa 2017 katoloso ya motlakase e bo e setse e dirilwe.
Rre George o boletse gape gore motse wa bone o na le tlhaelo ya metsi, a tlhalosa gape gore ba sale ba isitswe dithutong tsa nyeletso lehuma tsa lenaneo la dipudi le motshine o o dirang dipampiri tsa ntlwana ya boitiketso.
Mme Galeagelwe Maemo a re motshine wa dikarata tsa leruo go nna fela go twe o senyegile mme ba tsere matsapa a go o latela kwa Letlhakane.
O bile a gatelela seemo sa tlhaelo ya metsi le tlhaelo ya barutabana, a tlatsa ka go re ga ba na ngaka.
Kgosi Tlhabologo Boima a re ba tswenngwa ke seemo sa tshenyo ya leruo le le kgaolang diterata.
Kgosi Boima a re leruo le sentse terata ya mabitla, ya VDC le tsa morafe kwa malwapeng.
Kgosi a re o kopa banni go tlhokomela leruo kana ba le ntshe gotlhelele mo motseng ba le ise kwa merakeng ka jaana tshenyo e e busetsa ditlhabololo kwa morago.
O bile a kopa morafe go rapelela pula a re pula fa e gana jaana e a rapelelwa.
Rre Kebabolokile Maele a re o leboga Tautona go bo a dirile le bone sentle.
A re fa e ne e se gore lefatshe leno le diragatsa puso ya batho ka batho, ba kabo ba re a tswelele a busa.
O ne a supa letshwenyego la gore le fa ba sielwa metsi ka koloi fa gongwe go feta malatsi a sa tle, a tlhalosa gore mogote o o batla metsi.
Molaodi wa kgaolo ya Boteti, Rre Ewetse Selelo a re dipaakanyo tsa loeto lwa ga Tautona di tsweletse sentle, a tlhalosa gore ba dirile dikomiti tse di nang le kemedi ya metse yotlhe ya kgaolo ya Boteti Bophirima.
Rre Selelo o tlhaloseditse banni gore leeto le la go nna jaaka mokete, ka jalo a re go tlhoka gore ba o baakanyetse ka tsotlhe tse di tlhokafalang.
A re ba ntse ba bona gore go ntse go diragala jang kwa mafelong a mangwe fa Tautona a laela a re le bone ba eme ka dinao go tla go mo leboga ka seemo se se ko godimo.
Tona o ne a ba lekodisa ka tse di builweng kwa palamenteng e e fetileng a ba rotloetsa gore ba bala molaetsa wa tekodiso ya ga Tautona.
A re o masisi e bile o araba mafoko a e seng one a ba a utlwang mo mebileng.
Tona Tsogwane a re molaetsa o o bua ka mananeo, o supa gore ngwaga o tsamaile jang mabapi le itsholelo ya lefatshe la Botswana.
O ne a ba rotloetsa gore ka madi a ditlhabololo a ma-P10 million ba sekaseke gore ba dire mananeo a a ka tlhabololang motse mo go bonalang. BOPA
Source : BOPA
Author : BOPA
Location : MMADIKOLA
Event : kgotla meeting
Date : 24 Jan 2018






