Breaking News

UDC ya re ba tlaa tlhama ditiro

24 Jan 2018

Moeteledipele wa Umbrella for Democratic Change (UDC) Rre Duma Boko a re fa ba tsaya puso ba ya go tlhama ditiro di le 100 000 mo ngwageng.

Rre Boko o buile jalo kwa phuthegong ya phatlalatsa e e neng e tshwerwe mo Letlhakane ka Matlhatso, a tlhalosa gore ba ya go sekaseka seelo sa botshelo ba bo ba dira dikamogelo ka sone.

Rre Boko a re seelo ba ya  go se dira ba lebeletse seemo sa dijo tse di tlalang mmanki motho a apara sentle, madi a boroko, motlakase, metsi, dijo le sepalamo ba bo ba soboka. 

A re madi a dikamogelo a a kwa tlase a bone a ya go nna P3 000.

A re kgaolo ya Boteti e dikologilwe ke meepo mme e saletse kwa morago mo ditlhabololong, a tlhalosa gore kokelo ya Letlhakane gammogo le diofisi tsa sepodisi di pitlagane.

O boletse gape gore go santse go na le tlhaelo ya matlwana a borutelo, a tlatsa ka go re dituelo tsa lenaneo la Ipelegeng di kwa tlase e bile babereki  ga ba fiwe didirisiwa tsa itshireletso.

Rre Boko a re kgaolo ya Boteti e ka bo e fiwa madi a meepo a a bidiwang royalties, a tlhalosa gore ke madi a a fiwang kgaolo ke ba meepo e e mo kgaolong eo gore go dirwe ditlhabololo.

A re batlhophi ba kgaolo e ke bone ba ka rarabololang seemo ka go fetola puso ka 2019.

Mothusa moeteledipele wa UDC, Rre Dumelang Saleshando a re kgaolo ya Boteti e saletse morago mo ditlhabololong.

Rre Saleshando a re puso e paletswe ke go tlhabolola kgaolo ya Boteti le matshelo a banni ba yone ntswa e le boremelo jwa meepo ya diteemane.

Rre Saleshando a re ba tlaa tsisa moitseanape yo o tlaa supang gore ba ya go tlhama ditiro ka tsela e e ntseng jang. 

A re toro ya gagwe ke go bona lefatshe la Botswana le fetogile, thuto e tokafetse, bana ba bereka.

Mme Rodah Sekgororoane o ne a kopa bakaulengwe ba gagwe gore ba seka ba ipona tsapa ka bokopano jo jwa diphathi tsa kganetso. 

Mme Sekgororoane a re batho ba le bantsi ba kgonne ka jone ka go ne go le thata.

O ne a tshwantshanya bokopano jo le motsetse a re bo tshwanetse  jwa ilelwa. 

A re nako e ga se ya maemo ke ya go tlhoafalela maikaelelo a bone, a tlatsa ka go re maemo ba tlaa a bona fa ba setse ba gorogile. 

Mme Sekgororoane a re ba dibele bokopano jo gore bo tle bo nne le maduo.

E rile a amogela ba-tsaya karolo kwa phuthegong, mokhanselara wa pele wa Orapa, Rre Chilume Balopi a re meepo ya Boteti e oketsegile jaanong e metlhano.

Rre Balopi a re se se dira koketsego ya batho mme bontsi e le batswakwa ba ba tsereng ditiro tse di ka bong di dirwa ke bana ba kgaolo eo.

A re bana ba tsenye dikole mme ba gobeya mo mekgwatheng ga ba bone ditiro bangwe ba tlhola kwa diofising tsa lephata la pereko ba emetse ditiro tsa nakwana.

Rre Balopi a re lehuma le kwa godimo mo kgaolong ya Boteti, a tlhalosa gore Letlhakane o lefifi gape kwa kokelong balwetse ba kopanela phaposi ya borobalo mme e le ba bong jo bo sa tshwaneng. BOPA

 

Source : BOPA

Author : Kefilwe Selotlegeng

Location : Letlhakane

Event : phuthego ya phatlalatsa

Date : 24 Jan 2018