Breaking News

Batswana ba tlhaela kitso

24 Jan 2018

Tona wa dikgaolo le tlhabololo magae, Rre Slumber Tsogwane a re Batswana ba  tlhaela kitso ka tsamaiso ya  lefatshe.

Tona Tsogwane, yo gape e leng mopalamente wa Boteti Bophirima, o buile jalo fa a buisa phuthego ya kgotla kwa kgaolong ya gagwe ya botlhophi kwa Rakops bosheng.

Rre Tsogwane a re Batswana ba itirile baeng mo lefatsheng la bone, ka jalo a ba rotloetsa go anya kitso ka go reetsa le go bala molaetsa wa ga Tautona dinako tsotlhe fa ba o rolelwa.

 A re molaetsa o  wa tekodiso ya setshaba o botlhokwa ka jaana  o tlhalosa dikgang tsotlhe tse di diragalang di akaretsa mananeo le ditlhabololo. Tona a re kgang kgolo e Tautona a e buileng ke ya go laela ga gagwe a bo a supa gore mothusi wa gagwe, Rre Mokgweetsi  Masisi ke ene a tlaa mo tlhatlhamang,  selo se a reng ga se diragale kwa mafatsheng a mangwe. 

O ne a kopa banni go baakanyetsa leeto la ga Tautona la go laela le le tlaa nnang Tlhakole a le lesome le borataro kwa Rakops. Rre Tsogwane a re Tautona o amile matshelo a Batswana, o file bangwe seriti, ka jalo o tlhoka go laelwa ka tsela e e faphegileng.

 A re molaetsa wa ga Tautona o buile gape ka lenaneo la go rudisa itsholelo (ESP) kgang ya go tlhabolola lephata la dikgotla le a reng le ntse le saletse morago gammogo le go tsosolosa dikoporase. 

Tona a re dikoporase  ba seka ba akanya tsele tsa bogologolo tse go neng go dirwa mabenkele le go pega dikgomo fela, a tlhalosa gore ba ka dira dikgwebo tse ditona tse di ka tlhabololang motse.

Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo (VDC), Rre Batsweletse Kgagamedi o ne a supa fa go sena didirisiwa tsa thuto kwa dikoleng, metshine e e ntsifatsang dipampiri e sale e senyegile, fa matlwana a boitiketso a sa tsenye metsi.

Rre Kgagamedi a re ntlwana ya borutelo ya ba-na-le bogole  e  tlhoka go direlwa serepodi gore ba kgone go dirisa dikolotsana tsa bone bonolo. O boletse fa kgotla ya Herero e sena metsi mo banni ba felelang ba anwa metsi mo nokeng, a tlhalosa gape gore metsi a simolotse go nkga. 

O boletse gore service centre e a bereka mathata  ga e na koloi.

Mokwaledi wa khansele-potlana ya Boteti, Rre Onthatile Molelu a re kgang ya gore didiriswa tsa thuto ga di yo e bakilwe ke gore motho yo ba neng ba mo neetse thendara o ne a ba tlhobosetsa gore e mo paletse nako e setse e ile dikole di le gaufi le  go bulwa.

Rre Molelu a re ba kopile go dirisa thendara ya Mahalapye, a tlhalosa gore tsholofelo ke gore mo nakong e e sa fediseng pelo seemo se tlaa bo se siame. Ka kgang ya motshine o o ntsifatsang dipampiri a re fa o senyegile o batla madi a a seng kana ka sepe. 

A re go dumelanwe gore lekalana la maranyane (IT) le tsamae le dikole tsotlhe go tlhola gore go ka dirwa jang, a tlatsa ka go re ba buisantse gore maphata a a nang le metshine a thuse ba bangwe. Rre Molelu a re kgang ya metsi a matlwana ba dule ka mogopolo wa gore ba dirise ditanka tsa dijojo le go baakanya tse di tlhokang go baakanngwa.

Mongwe wa banni, Rre Gaseitsewe Setofane a re ga go na lebaka metsi  a seyo mo motseng   mme ba  lephata la metsi ga ba ba itsise ka seemo sa metsi ba dira kitsiso fela fa ba batla dituelo. 

Rre Setofane o ne gape a supa ngongora ka a P10 million wa ditlhabololo a re ga ba itse gore mananeo a teng a diilwe ke eng. 

O ne gape a botsa gore ditsela tse di fa gare ga motse di lebaganye lephata le fe, a re  di na le lebaka di sa gopiwe.

Rre Seonyana Nyande o ne  a akgola Tautona a re ga a bifele batho. A re o eletsa gore yo o tsayang o ka tsamaya mo motlhaleng wa gagwe.

Mme Nkgowa Utlwang a re Tautona o fetotse botshelo jwa gagwe, a re gape o ne a rata bagodi le ba-na-le bogole, a kopa gore ka letsatsi le a laelang le bone ba tsisiwe kwa kgotleng a bo a tlatsa ka go re o eletsa gore seromamowa se bo se le teng kwa Rakops fa Tautona a ba laela. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Kefilwe Selotlegeng

Location : RAKOPS

Event : kgotla meeting

Date : 24 Jan 2018