Breaking News

Mopalamente o lekola ba Mmadinare

23 Jan 2018

Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo  ya  kgaolwana ya  bokone bophirima mo Mmadinare,  Rre Gaothoboge Kgari o supile fa ba itumelela lenaneo la madi la ditlhabololo tsa dikgaolo a tlhalosa fa ba kgonne go dira dingwe tsa ditlhabololo mo kgaolong ya bone.

Rre Kgari o supile fa ba setse ba kgonne go aga maobo a le mabedi mo kgaolong ya bone mme a setse a fedile ebile a le mo tirisong. Rre Kgari o supile fa ba tlaa tswelela ba dira tse dintsi fa puso e ka tswelela ka lenaneo la madi a ditlhabololo a dikgaolo.

Rre Kgari o ne a supa gore le ntswa ba kgonne go dira dingwe tsa ditlhabololo,ba santse ba lebanwe ke tlhaelo ya matlo a borutelo mo dikoleng tse di mo kgaolong ya bone.

O ne a supa fa sekole se sebotlana sa Kelele se simolotse go amogela bana ba e tlaa reng ngwaga o o tlang ba bo ba dira lokwalo lwa ntlha mme go sena fa ba rutelwang teng.

Rre Kgari o ne a bua seo fa a ne a lekodisa mopalamente wa kgaolo ya Mmadinare ebile e le mothusa tona mo ofising ya banana Rre Kefentse Mzwinila ka tsa komiti ya ditlhabololo  kwa kgotleng ya Kelele kwa Mmadinare.

E rile a a kgwa modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo dikgaba Rre Mzwinila, a supa fa maikaelelo a lenaneo la go tswa ka mogopolo wa go neela dikgaolo tsa botlhophi madi e ne e le go araba selelo sa ba komiti ya ditlhabololo ya metse ka go farologana ka ba ne ba lela ka tiego ya go dirwa ga dingwe ditlhabololo mo motseng.

Rre Mzwinila o ne a kgothatsa ba komiti ya ditlhabololo ya kgaolwana ya bokone bophirima go dirisa mangwe a madi ao go aga matlo a borutelo a dikole tse di potlana tsa  Kelele le St Peters.

E ntse e le mo phuthegong ya kgotla kwa Kelele, Rre Mzwinila o ne a tlhalosetsa morafe fa puso e setse e bone madi a a tlaa dirisiwang go rarabolola tlhaelo ya metsi kwa motseng wa Mmadinare le e mengwe.

Mme Gomolemo Moepeng yo e leng mokwaledi wa khansele ya Bobirwa o ne a supa fa go setse go thapilwe rakonteraka yo o tlaa bong a tshela lekgarapana mo ditseleng tse di fa gare ga motse, mme a re tsholofelo ke gore a thape bana ba Mmadinare.

Kwa bofelong modulasetilo wa khansele ya Bobirwa ebile e le mokhanselara wa Mmadinare-Robelela Rre Sylvester Masweu o ne a kopa morafe go thusana le puso go tlhabolola seriti sa ba ba tshelang nabo ka go rotloetsa mananeo a puso.

Rre Masweu o ne a supa fa mo dinakong tsa  gompieno  setshaba se tletse mokgwa wa go kgala go feta dikakgolo,a supa fa seo se ka seka sa ba isa gope. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Gaboselwe Olesitse

Location : GABORONE

Event : Tekodiso

Date : 23 Jan 2018